Breaking News

Ba kopa tsela ya sekonotere

14 Jan 2016

Banni ba Kubung ba kopile gore tsela ya Thamaga/Kubung e tshelwe sekonotere.

Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre  Tshenolo Mabeo, ka Labobedi.

Kgosi Boitshwarelo Mabutlwane a re go tshela sekonotere mo tseleng eo go ka oka dikgwebo mo motseng wa bone.

 Kgosi Mabutlwane o ne a kopa lekgotla la kabo ditsha go se emise go aba ditsha mo motseng wa bone ka jaana o le monnye, mme ba eletsa gore o gole o bo o tlhabologe.

 O tlhalositse fa a  lebogela gore dikgosana tsa tetlanyo di a amogela, a bo a supa fa ba eletsa go bona koranta ya DailyNews.

 Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse Rre Gasebotlhe Lepodisi, o ne a tlhalosa fa ba tlhasetswe ke leuba, mme ba sa kgona go lema, ka jalo o kopile gore puso e ba fokoletse ditlhatlhwa.

 O supile fa koporase ya motlakase  e tsaya nako e ntsi go baakanya motlakase, mme a kopa gore ba nne ba tsibogela go o baakanya ka jaana o le borai mo matshelong a batho. 

 E rile a ntsha la gagwe, Rre Mabeo o ne a supa fa ngwaga o e le o mogolo wa lefatshe leno ka jaana le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano, mme go solofelwa gore metse ka go farologana e dire meletlo.

 O supile fa koporase ya motlakase e boletse fa go tsaya nako gore ba bone dilo tse ba di dirisang go baakanya motlakase.

 Rre Mabeo, yo gape e leng tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo, o kopile banni gore fa ba neetswe mananeo ba a dirise sentle ka jaana ba sa itse gore mo dingwageng tse di tlang botshelo bo tlaa bo bo ntse jang.

O boletse fa lenaneo la Economic Stimulus Programme (ESP) e le lone le tlaa dirisiwang go aga matlwana a borutelo, matlo a boroko le gone  go aga matlwana a borutelo a maranyane.

A re tsela ya Kubung/Thamaga e tlaa dirwa ka lone lenaneo le.  

O tlhalositse gape fa go fetotswe dilo kwa ofising ya dipalamo, ka jaana matshwao a tsela a tlaa tsaya dingwaga tse pedi go felelwa ke nako, go na le ngwaga  jaaka go ne go ntse pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Kubung

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Jan 2016