Tokafatso maduo e botlhokwa
28 Apr 2013
Mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi o kopile badiri ba lephata leo ba kgaolo ya Borwa go tokafatsa maduo a bone mo tirong.
Rre Molebatsi a re Batswana ka kakaretso ba sa ntse ba sa kgotsofalele boleng jwa ditirelo tse ba di fiwang ke lephata la gagwe mme a re ke nako ya gore badiri ba itshekatsheke ka bongwe ka bongwe, go bona gore ba ka tokafatsa maduo jang.
Rre Molebatsi a re ba amogela dipego tsa bakenti ba ba a neng ba solofetsa barui gore ba tlaa ba etela ba ya go ba jesetsa dikgomo Omang kgotsa thuso epe fela mme ba tlhoke go dira jalo, e re morago ba ipate ka letlhoko la dikoloi.
A re balemi barui ba batla maduo e seng maipato.
Rre Molebatsi a re modiri yoo dirang tiro ka botlalo o botlhokwa mme yo o boitseme mo tirong o botlhabetsi mo setshabeng ka jaana o a bo a filwe boikarabelo jwa tiro e a sa e direng mme a e duelelwa.
A re go maswabi gore batho ba bo ba sa ntse ba ikwadisetsa go bereka mo Ipelegeng ntswa puso e thapile bomaitseanape ba temo-thuo, e bile e dirile mananeo a ba ka bong ba a dirisa go fetola matshelo a bone le go inamola lehuma.
A re go tshabela kwa Ipelegeng go ka tswa go bakwa ke gore badiri bangwe ba lephata la temo-thuo ba sa ntse ba thubile kobo segole.
O gwetlhile badiri bao go nna le seabe se e tlaa reng mo isagong ba ipele ka sone.
Mothusa tona o ne a kopa badiri bao go ikgapha mo tshenyetsong setshaba, segolo jang ba theko le thekiso ya dithoto.
Badiri ba ne ba ngongorega ka letlhoko la dikoloi ba supa fa le ba paledisa go dira tiro ya bone ka botlalo.
Mo go tse dingwe, Rre Molebatsi a re puso e okeditse madi a balemi go tswa mo go P400 go ya kwa go P800 ka ekere, a re madi ao a ka oketsegela kwa go P 1160.00 go balelwa go ega.
A re go oketsa madi ao e ne e le go araba selelo sa boraditerekere sa gore a ne a le kwa tlase mo go neng go ba ketefaletsa go lemela batho ka lenaneo la puso.
Mme fela o tlhalositse fa madi ao a tlaa bonwa ke yo o lemileng a bo a jala fela.
A re bangwe ba ne ba aja puso ntsoma, ba lemolola lefatshe fela ba sa jale ba gabile gore ba tlaa duelwa e seng gore ba itirele dijo.
Mogokaganya ditirelo tsa lephata leo, Mme Gaokgakala Rammidi, o ne a supa gore ba na le dikoloi di le lekgolo le metso e some mme di le masome matlhano le bobedi di tlhoka go baakanngwa.
Badiri ba kwa polasing ya Sunnyside, gaufi le Lobatse, ba ne ba ikuela ka matlo a Asbestos a ba nnang gaufi le one, ba ntsha poifo ya gore go ka nna le ditlamorago tse di botlhoko mo botsogong jwa bone, mme ba kopa gore puso e ba agele bonno jo bo sireletsegileng.
Ba ne ba ikuela ka letlhoko la diaparo tsa itshireletso mo tirong, tse ba tlhalositseng fa di goroga morago ga lobaka, selo se ba reng se ka nna diphatsa mo botsogong jwa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Topo Monngakgotla
Location : Kanye
Event : Phuthego ya Tona le Badiri ba Lephata
Date : 28 Apr 2013






