Breaking News

Nyeletso lehuma e tswa Goo-Lowe

28 Apr 2013

Lenaneo la nyeletso lehuma ga se gone le simologang jaaka batho bangwe ba akanya.

Se se boletswe ke mmaboipelego wa Taung, Mme Masego Kgomotso, kwa thuto-puisanyong ya malatsi a mabedi, e e neng e tshwaretswe kwa Ramotswa bosheng, go rutuntsha batho ka mekgwa ya nyeletso.

A re lenaneo le, le diretswe batho ba ba tlhokileng lesego, batlhoki ba nakwana, ba-na-le bogole le batlhoki ba sennelaruri, ba dingwaga tse lesome le borobabobedi go ya kwa godimo, ba ba itekanetseng mo mmeleng, gore ba kgone go intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo.

Mme Kgomotso a re motlhoki o tshwanetse a bo a na le bokgoni e bile a supa kgatlhego le maikaelelo a go tsamaisa kgwebo.

O boletse  gape fa go le botlhokwa gore motlhoki a bo a na le fa a nnang teng e le setsha sa gagwe, go tila go fuduga fa go setse go se na kutlwano fa gare ga gagwe le ba ba mo fileng boroko.

Mme Kgomotso o tlhalositse fa lenaneo la nyeletso lehuma e le kgwetlho ka bo lone, ka jalo le tlhoka go tshwaraganelwa, gore go tokafadiwe seemo sa dijo mo Botswana, go tswakanngwe itsholelo, go tlhangwe ditiro go bo go nonotshiwe ba ba tlhokileng lesego.

Mogolwane kwa lephateng la boipelego, Mme Oduetse Ntshese, o ne a tlhalosa fa go na le tumalano e e dirwang fa gare ga puso le moamogedi, pele ga motho a ka neelwa lenaneo le.

Mme Ntshese o tlhalositse fa moamogedi o tshwanetse a bo a tlhotlhomisitswe pele gore o ka tsaya lenaneo, mme puso yone e bo e tsaya boikarabelo jwa go mo ruta go tsamaisa kgwebo le go kwala dibuka.

O tlhalositse gape gore didirisiwa tse di neetsweng moamogedi e nna tsa puso go fitlhelela dingwaga tse tlhano, mme fa moamogedi a sa tlhole a kgona go tsweledisa lenaneo, o ka itsese puso ka mokwalo mo malatsing a masome mararo pele ga a busa didirisiwa.  O boletse fa puso e ka emisa tumalano, fa moamogedi a sa sale ditsetlana tse a di filweng morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Ramotswa

Event : Thuto-seka-dipuisanyo

Date : 28 Apr 2013