Breaking News

Ba Tsabong ga ba itumele

28 Apr 2013

Banni ba Tsabong ba ngongoregetse gore batswakwa ke bone fela ba akolang peo ya dipolasi kwa kgaolong ya Kgalagadi borwa, go kgaphelwa baagi ba kgaolo eo ntle.

Banni ba supile matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke ba lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi.

Ba kgadile ba sa kgale mathe ganong lekgotla leo ba re ga le sale morago molao wa kabo ya lefatshe ka ba baya ditsha tsa masimo gaufi le didiba le gore le didiba tsa bone ga di a katologana ka sekgala se se letlelesegang.

Rre Tshipietsile Mothelesi o ne a ntsha mogopolo wa gore mongwe le mongwe a beelwe seelo sa gore a nne lebaka le le rileng pele ga a ka fetisetsa setsha mo go yo mongwe, e le tsela ya go fokotsa go rekisa ditsha.

Rre Fedrick Cooper o ne a lebogela lekgotla la kabo disha ka go sedimosetsa morafe ka ditsamaiso tsa lone.

Ba lekgotla la kabo ditsha la Tsabong ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke batho bangwe ba ba rekisang ditsha, le ba ba batlang go fiwa  ditsha tse di fetang bongwe ntswa lefatshe le tlhaela.

Leloko la lekgotla la kabo ditsha, Mme Segomotso Bahuma, o ne a tlhalosetsa morafe ka ditsamaiso dingwe tsa kabo ya lefatshe tse di fetotsweng.

A re ditsamaiso tseo tsa go baya ditsha tsa bonno, masimo, didiba, dikgwebo, dikereke, le tse dingwe, di ama metse ya Tsabong, Logaganeng, Maubelo le e mengwe.

O tsweletse ka go tlhalosa gore ditsha tse di tlaa bewang ka ditsamaiso tseo ke tse di segetsweng ruri  ka lefatshe le  setse le tlhaela, le gore motse o tle o lebege sentle  mo isagong ka o setse o godile. 

O tlhalositse gore didiba di tshwanetse go katologana ka sekgala sa dikhilomithara di le thataro.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa mo nakong ya gompieno, mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go nna le setsha sa bonno se le sengwe kwa ntle ga tlhalo kgotsa boswa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 28 Apr 2013