Breaking News

Ntshang botswerere jotlhe

28 Apr 2013

Banana ba kopilwe go ema ka dinao ba ntshe botswerere jwa bone jwa ditiro tsa diatla ka seo se ka fokotsa letlhoko la ditiro le le ileng magoletsa mo lefatsheng leno.

Mafoko a  a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi borwa, Rre John Toto mo pulong semmuso ya tshimolodiso ya disupiwa tsa tiro ya diatla le botaki, go di betlela tsela go ya kwa dikgaisanyong tsa malatsi a ga Tautona ka Phukwi.

Mopalamente o ne a rotloetsa badiragatsi go dira ka natla, bonokopila le lorato e bile ba sa inyatse gore ba tle ba kgone go gaisana le ba dikgaolo tse dingwe.

Rre Toto o ne a rotloetsa badiragatsi gore dilwana tse ba di dirang ga se go kgatlha leitlho la moreki fela, ke go tlotlomatsa le ngwao ya Setswana.

Mopalamente o ne a kopa barui ba dihutshane go kopana ba nna seopo sengwe  le go batla lefelo le ba tlaa  kgonang go kokoanyetsa matlalo a leruo mo go lone, ba a suga, ba bo ba a rekisa ka seo se ka ba thusa go  ntsha disupiwa tsa maemo a ntlha tsa matlalo.

Rre Toto gape o ne a supa fa e sale ntlo ya ditso e bulwa kwa Tsabong ka 2012, badiragatsi le bataki ba kgaolo ba kgonne go kokoanya P30 990.

O ne a kopa maphata a puso  a a farologanyeng go rotloetsa badiragatsi ka go reka dilwana tsa bone tse di dirilweng ka diatla go kgabisa  mo diofising tsa puso jaaka e le taelo ya ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama.

O ne a tlatsa ka go gwetlha banana go tsena dikgaisanyo tsa  malatsi a ga Tautona ka bontsi  ka seo se ka ba thusa go fetola matshelo a bone ka go itirela  le gone go ba ntsha mo ditirong tsa botlhoka tsebe.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Kgalagadi borwa, Rre Sam Brooks o ne a rotloetsa banana go itsolopanya, go dira ditiro tsa diatla le go tsaya malebela mo go ba bangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Pulo Semmuso

Date : 28 Apr 2013