Breaking News

Kgwebo e batla tlhokomelo

24 Apr 2013

Mogolwane wa  ofisi ya tsadiso le tlhabololo ya leruo kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Kgang Mongale, o kgothaditse banana go tlhokomela dikgwebo tsa bone.

O ne a bua mo thuto puisanong e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya banana ya Letlhakeng mme e tshwaretswe kwa Mantshwabisi mo bosheng.

Rre mongale o tlhalositse fa go lemotshegile gore banana ba kgaolo eo ba rata  kgwebo ya thuo thata, a supa fa thuo e tlhoka gore morui ka nako le nako a bo a le kwa madirelong, o bile a kopa banana ba ba neng ba tsene thuto puisano eo gore leruo le ba eletsang go le rua le bo le kgona go tshela mo tikologong e ba nnang mo yone.  

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa gore lephata la bone le bona go sa lekana gore banana ba thusiwe ka madi fela mme le dithuto di a tlhokega ka go nne dikgwebo tsa banana ka bontsi di felela di phutlhame ka ntlha ya go tlhoka kitso ya go tsamaisa dikgwebo kana lerato mo dikgwebong tse ba di kopileng mo ba lephateng la banana.

Rre Lentswe Motsamai wa  lephata la dikgang tsa bong kwa Gaborone, a supa fa lephata  le le neng le itsege fa le emetse bomme pele, le fetotswe mo bosheng go emela Motswana mongwe le mongwe, go itsa go gogela kobo ntlha e le nngwe .

O  tsweletse ka go tlhalosa fa le bone ba ikiteile sehuba go thusa Batswana ka madi gore ba ipulele dikgwebo gore ba intshe  mo lehumeng le  le aparetseng lefatshe leno.  

O ne a  tlhalosetsa banana fa lekalana la bone le thusa Batswana ba ba ipopileng ditlhotshwana tsa batho ba ba sa feteng botlhano ka madi a kana ka P250 000 mme ba sa solofelwe go a busa.

O supile fa lekgotla la bone le ikaeletse go ntsha Batswana ka kakaretso mo lehumeng, o tlhalositse fa lekalana la bone le rotloetsa thata go dira ka diatla bogolo jang temo thuo, o bile a supa fa ba thusa bagwebi ka  go ba batlisa kwa ba rekisang dithoto tsa bone teng le go ba kopanya le ba ba setseng ba le mo dikgwebong jaaka go ba isa kwa ditshupong tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga gore ba kgone go tseya malebela le maele mo go bone.  

Mogolwane wa ofisi ya ba kabo ya dithendara le  tsamiso ya madirelo, Rre Benjamin Kabomo a tlhalosetsa banana fa ba tshwanetse go kwadisa dikgwebo tsa bone gore ba kgone go thendara mo khanseleng.

O rile go kopa ditiro mo khanseleng, ke bontlha bongwe jwa go ka godisa dikgwebo tsa bone.

E rile a tswa la kgothatso, a kopa banana go tsena mo dikgwebong ba ititeile sehuba ka go nne kgwebo e tlhoka nako e ntsi e bile e tlhoka bopelotelele. O bile a ba kopa go tlhopha kgwebo e ba ka kgonang go e tsamaisa e bile ba na lorato mo go yone e seng ka gore o bona tsala e le mo go yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : LETLHAKENG

Event : Thuto-Puisanyo

Date : 24 Apr 2013