Gosiame e thukuthilwe P89 000
24 Apr 2013
Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone banna ba le bararo ba neng ba thukutha madirelo a Gosiame Filling Station, mme ba e amoga P89 000, tsheke ya P350 le megala ya letheka ya babereki bao e le mebedi.
Mogolwane wa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Olefile Badisang, o tlhalosa go re banna bao, ba ba neng ba ikhurumeditse difatlhego ka matsela a mantsho, ba ne ba gatlhamela mo madirelong ao metsotso e le lesome le botlhano go tlogela nako ya bosupa mo mosong wa Matlhatso, Moranang a le 20, fa babereki ba ne ba sa ntse ba bala madi, ba ipaakanyetsa go a isa kwa polokelong.
Superintendent Badisang o boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA gore banna bao, bane ba tshoganyetsa badiri bao ka nako ya fa pula e komakoma, ba ba supa ka tlhobolo mme ba ba laela gore ba ba neele madi.
A re dilalome tseo di ne tsa tsenya badiri bao mo ofising ya mogolwane wa madirelo, mme morago ba le babedi ba gogela mongwe wa babereki bao mo ofising e beelang madi a leokwane, kwa ba neng ba tsaya madi le tsheke, morago ba tsena ka lenga la seloko.
Rre Badisang o rile le fa dirukutlhi tseo di ne tsa keteka badisa dikago le bangwe ba babereki, ga go na ope yo a neng a bona dikgobalo tse di masisi, mme a re o kopa setshaba go ba loma tsebe ka bangwe ba ba ka tswang ba ba belaela mabapi le tiragalo eo.
Ka nako ya fa kgang e e kwalwa, go ne go ise go tshwarwe ope mabapi le tiragalo eo mme ditlhotlhomiso tsa mapodisi di sa ntse di tsweletse go batla manaba ao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thebeetsile Orapeleng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 24 Apr 2013






