Kotsi e tseetse ngwana botshelo
23 Apr 2013
Koloi e rwalang balwetse ya Ambulance e thulane le ya modiro wa Toyota Allion ka Mosupologo phakela fa Dikabeya mo tseleng ya A1 gaufi le Palapye mme ga tlhokafala ngwana wa dingwaga tse pedi le sephatlo.
Mookamela mapodisi a Palapye, Superintendent Franken Mohutsiwa, a re le fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, ba belaela fa mokgweetsi wa Toyota Allion, e e neng e tswa borwa, a ile a latlhegelwa ke taolo ya koloi mme ya thulana le e pegang balwetse e neng e tswa bokone.
A re bakgweetsi ba dikoloi tseo ka bobedi ba bone dikgobalo tse di masisi mo maotong fa ba ba neng ba na le bone ba bone dikgobalo tse di potlana.
Koloi tseo ka bobedi di ne di pegile batho ba le bararo fa kotsi e diragala.
Superintendent Mohutsiwa o rotloetsa bakgweetsi go nna kelotlhoko fa ba kgweetsa le go obamela matshwao a tsela nako tsotlhe ga mmogo le go sekaseka dikoloi tsa bone go tlhomamisa fa di itekanetse go tsaya mesepele.
A re go dira jalo go ka thusa go somarela matshelo a batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 23 Apr 2013






