Breaking News

Borukutlhi bo ka ama bojanala

30 Nov -0001

Borukutlhi jo bo ileng magoletsa kwa kgaolong ya Nhabe, bo ka ama bojanala fa bo sa bewe leitlho.

Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa sepodisi yo o okametseng District N0 5, Rre Keabetswe Masibi, kwa phuthegong ya kgotla kwa Maun bosheng. Rre Masibi o kaile fa a tshwentswe  ke boitsholo jwa banana mo kgaolong eo mme a kgothatsa setshaba go tshwaraganela go lwantsha  borukutlhi, ka a re seemo se se tsamaela go kgoreletsa bajanala le Batswana ba ba eletsang go simolola dikgwebo kwa kgaolong eo.

Rre Masibi o supile fa dipalo tsa borukutlhi ka kakaretso di oketsegile, bogolo jang tsa dipolaano.  O tsweletse ka go gwetlha batsadi go ela tlhoko metsamao ya bana ba bone bosigo le motshegare ka a re go dira jalo go ka thusa go lwantsha seemo se. Mogolwane wa lephata la diphologolo, Rre Mogomotsi Matswiri, a re borukutlhi, segolo bogolo jang bogodu jwa diphologolo, bo ama bojanala fela thata ka magodu a tshololela madi le matlalo mo metsing ka maiteko a go bolaya bosupi.

 

O tsweletse ka go supa fa puso e leka ka bojotlhe go thibela bolwetse jwa tlhako le molomo mme borukutlhi jwa mofuta o bopaledisa maiteko a, ka magodu a tlodisa melelwana nama e e ka angwang ke bolwetse jo, mme e felele e amane le leruo.  O kaile fa go dira jalo e le go itlhaba ka thipa mpeng. Bokhutlo

Source : Freelancer

Author : Ame Ketlogetswe

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 30 Nov -0001