Breaking News

Boimana jwa baithuti bo golela pele

19 Nov 2015

Dipalo tsa baithuti ba ba tswang mo sekoleng ka ntlha ya boimana kwa sekoleng se segolwane sa Mahupu kwa Takatokwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng di tsweletse ka go golela pele.

E rile a amogela morafe mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Kgosi Makgabana Tsiane a re o tshwentswe ke go gola ga dipalo tsa baithuti ba ba tswang mo sekoleng ka ntlha ya boimana.

Kgosi Tsiane a re bogogi jwa sekole, bo ba begetse fa baithuti ba le boferabobedi kwa sekoleng seo ba imile, mme a re se se ngomolang pelo le go feta ka dikgang tseo ke gore beng ba merwalo ga se baithuti ka bone mme go supega e le borre fela ba batona.

A re bontsi jwa baithuti ba ba amegang mo boimaneng ke ba dingwaga tse di kwa tlase, mme a re se se tshwenyang ke gore batsadi le bone ga ba begele ba molao gore banna bao ba tseelwe dikgato. A re go lebega batsadi ba na le se ba se neelwang ke banna bao.

Mothusa mogokgo wa sekole sa Mahupu, Rre John Mokgosi o ngongoregetse seabe sa batsadi mo thutong ya bana, a re ba maoto a tshupa go tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana le gone go lekola dithuto tsa bana.

O kopile batsadi go bua le bana ba basetsana ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo le go ba lemotsha ka bodiphatsa jwa go ima ba sa le bannye.

Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa boitsholo jwa baithuti bo tokafetse fela thata le mororo go  santse go na le bangwenyana segolo jang ba basimane ba ba santseng ba kgona go tlola terata ba ya maitisong kwa motseng.

Mongwe wa batsadi, Mme Eldah Kasefitlhela a re ba tshwenyegile ka tlhaelo ya matlo a borutelo kwa sekoleng se sebotlana. 

A re bana ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare mme dinako tse dingwe ba kgorelediwa ke seemo sa bosa se tshwana le dipula.

E ne ya re a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Mme Tshepo Wareus a re go a swabisa go bona bomme ba sa begele ba molao dikgang tsa tiriso botlhaswa ya bana ba gabile go atswiwa ka sengwe, a kaya fa go dira jalo e le go tsuolola ditshwanelo tsa bana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Nov 2015