Breaking News

Tlhwaafalelang mananeo a puso

21 Apr 2013

Banana ba le masome a robabongwe le metso e merataro (96) go tswa kwa dikgaolong tsa Tswapong Borwa, Shoshong, Mahalapye botlhaba le bophirima ba kgothaditswe go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone.

Kgothatso e, e dirilwe  ke  mothusa  mogolwane wa lephata la banana mo kgaolong ya  Mahalapye, Rre Onkabetse Lemo, mo thuto-puisanong e e bidiwang Youth  Empowerment  Festivals e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye Community Centre go tloga ka Mosupologo go tsena Labotlhano (19th April).

A re mo dithutong tseo, ba ne ba itebagantse le go rutela banana tsamaiso ya go dira dikgwebo ditshwana le go suga matlalo, thuo ya dikgomo, dikoko tsa mae le nama, dihutshane, thuo ya dinotshi, temo ya merogo, maungo le go sega diaparo.

Rre Lemo o tlhalositse gore le fa dikgwebo dingwe tsa banana di phutlhama ntateng ya  ditlhotlhwa  tse di kwa godimo tsa beng ba madirelo a ba a hirisetsang banana go simolola  dikgwebo, gone go supa fa banana ka bontsi ba ikopetse lenaneo la Tlhabololo ya Banana go simolola dikgwebo.

O tlhalositse fa mmuso o abela kgaolo nngwe le nngwe ya botlhophi P2 million  ka  ngwaga,  e le  madi a a seegetsweng fa thoko go dirisiwa ke banana go simolola dikgwebo tse ba tokafatsang matshelo a bone ka tsone le go bulela Batswana babangwe diphatlha tsa mebereko go na le go ikaega ka mmuso.

E rile  modulasetilo wa khansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Moatshe Senai  a  simolodisa dithuto tseo  semmuso ka Mosupologo, a rotloetsa banana go inaakanya le mananeo  a  puso go tlhabolola matshelo a bone boemong jwa go ganelela mo lenaneong la Ipelegeng le  le  diretsweng go thusa Batswana ba ba seng mo meberekong go bona se ba ka itshetsang ka sone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Thuto-Puisanyo

Date : 21 Apr 2013