Breaking News

A ba dikotsekara le dibaesekele ba obamele melao

18 Apr 2013

Bakgweetsi ba dikotsekara le ba dibaesekele kwa Mokobaxane, ba gakolotswe go obamela molao wa tsela fela jaaka bakgweetsi ba dikoloi.

Mafoko a a builwe ke mookamela mapodisi a kgaolo ya District NO. 8, Senior Superintendent Isaiah Makala, kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke ba kompone ya Debswana, ofisi ya sepodisi ya Orapa le komiti ya ipabalelo tseleng ya Letlhakane kwa Mokobaxane. 

Maikaelelo a moletlo oo, e ne e le go ruta bakgweetsi ba dikotsekara le ba dibaesekele ka ipabalelo tseleng le go ba tsenyetsa dipanyapanya tse di tswang kwa komponeng ya Debswana gore ba kgonne go bonala sentle fa ba dirisa tsela bosigo.

Senior Superintendent Makala o akgotse kompone ya Debswana go thusa bakgweetsi ba ka dipanyapanya ka jaana ba ntse ba le maoto a tshupa go di itsenyetsa ntswa di le botlhokwa thata ka di thusa gore ba bonale fa ba kgweetsa bosigo go hema dikotsi.

O tsweletse a re le bone fela jaaka bakgweetsi ba dikoloi ba tshwanetse go nna kelotlhoko fa ba kgweetsa, ba se ka ba dirisa megala ya letheka le go nwa bojalwa, a re go dira jalo ke molato. Supt Makala o ne a gakolola bakgweetsi ba dibaesekele go kgweetsa ba le ka fa letsogong la molema ka dinako tsotlhe, a bo a re ba apare mebala e e bonalang segolo jang bosigo.

O ne a kopa botlhe ba ba tsenyeditsweng dipanyapanya mo dikotsekareng le dibaesekele go di tlhokomela, a re lesego le tla ga nngwe fela, a tlatsa ka gore ke thuto mo go bone gore ba itse gore di tsenngwa jang gore nako e e tlang, ba di itsenyetse.

Rre Makala o supile gape gore dikotsi ka bontsi di diragala ka ntlha ya diphoso tsa bakgweetsi, fa palo e e felelang mo seatleng e le ka mabaka a ditsela tse di sa siamang.

Mogolwane wa kompone ya Debswana, Rre Emmanuel Galeemelwe, o ne a tlhalosa fa maikaelelo a kompone e le go thusana le metse e e mabapi go lwantsha dikotsi tsa tsela.

Rre Galeemelwe a re ba dira se ka go dira dithuto puisanyo tsa ipabalelo tseleng mo metseng le meraka e e gaufi, ba bo ba thusa batho ba mafelo ao ka didirisiwa tsa ipabalelo tseleng tse di dirang gore motho a bonale sentle fa go le bosigo mo tseleng.

A re ba dule ka moono o wa go tsenyetsa boradikotsekara le dibaesekele dipanyapanya ka ba lemogile fa di amega mo dikotsing tsa tsela. Mo letsholong leo, dikotsekara di le 43 le dibaesekele di le 47 di ne tsa tsenngwa dipanyapanya.

Komiti ya ipabalelo tseleng e supile fa mogopolo wa go dira se, o dule ka komiti potlana ya ipabalelo tseleng ya motse wa Mokobaxane, fa kompone ya Debswana e ne ya o atla, ya ba tswa matshediso ya ba ya thusa ka madi go o diragatsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : GABORONE

Event : Moletlo wa Ipabalelo Tseleng

Date : 18 Apr 2013