Breaking News

Mogokgo o lela ka maitsholo a bana

13 Oct 2015

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Moeng College, Rre Abram Thapedi, a re ga a itumedisiwe ke maitshwaro a bana ba sekole sa gagwe.

A re barutabana ba sekole sa gagwe ba leka ka bojotlhe go tsenya bana mo tseleng mme ba itaya se fololetse.

Rre Thapedi o ne a bua jalo kwa kabong dimpho ya sekole sa Moeng College bosheng. O ne a kopa batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng sa gagwe go tshwaraganela le barutabana tiro e tona ya go ba tsenya mo tseleng.

A re bana ba sekole sa gagwe ba dule mo taolong gotlhelele ka ba dira ditiro tse di duleng mo tseleng ebile ba supa fa ba sa tlhwaafalela dithuto tsa bone. A re bangwe fa dithuto di tsweletse ba a robala fa bangwe ba kgona go tswa mo sekoleng nteng le tetla mme ba bangwe ba utswa dithoto tsa ba bangwe mo matlong a borobalo.

Rre Thapedi a re tiragalo nngwe e e neng ya mo utlwisa botlhoko bosheng ke e bangwe ba baithuti ba neng ba tlhaga mo sekoleng dithuto di tsweletse mme ba ya kwa merakeng mengwe ba ya go bolaya kgwathe.

A re bogogi jwa sekole bo ne jwa dira maiteko a go ya go ba batla mme ba fitlhela ba apeile kgwathe oo kwa morakeng wa mongwe ka beng ba moraka oo ba ne ba seyo.

A re go utlwisa botlhoko ka bone e le barutabana ba leka ka bojotlhe go baakanya bokamoso jwa bana mme bone ba sa tlhoafala. 

A re bana ba sekole sa gagwe ba nna mo sekoleng botlhe ka jalo motho a ka solofela fa ba tla a ntsha maduo a a nametsang ka ba na le nako e ntsi ya go ithuta mme ba dirisa nako ya go ithuta mo go tse di duleng mo tseleng.

Rre Thapedi o tsweletse a re bothata jo bongwe jo botona jo bo mo sekoleng sa gagwe ke boimana jwa bana ba sekole.

A re bana ba ba setseng ba dule mo sekoleng ntateng ya boimana fa e sale ngwaga ono o simologa ba lesome le bongwe fa go tshwantshanngwa le ngwaga o o fetileng mo nakong eno ka ba ne ba le masome a mabedi le bosupa. A re dipalo tseo di ile kwa tlase mme go santse go tshwenya.

Ka jalo o ne a ikuela mo batsading go dirisanya le barutabana go kgalema bana a bolela fa barutabana ba ka seke ba kgone ba le nosi.

Mogolwane go tswa kwa moepong wa BCL Rre Motsile Sibanda o ne a akgolela sekole sa Moeng College go dira sentle mo go tsa metshameko. 

A re setlhopha sa volleyball sa basetsana se ne sa dira sentle kwa dikgaisanyong tsa BISA kwa bangwe ba le babedi mo setlhopheng seo ba neng ba fiwa dietsele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Moeng

Event : Kabo Dimpho

Date : 13 Oct 2015