Go utswiwa ga batho go teng
13 Oct 2015
Babereki ba lephata la itshireletso ba rotloeditse Batswana go tsiboga fa masika kgotsa ditsala di sa bonale ka jaana go utswiwa ga batho go ile magoletsa lefatshe ka bophara.
E rile ba tsibosa makhanselara a Kweneng bosheng kwa Molepolole, ba supa fa dikgang tsa go utswiwa ga batho di diragalela Batswana fela jaaka batho ba mafatshe a sele.
Mongwe wa batlhatlheledi, Mme Veronica Rabakane o ne a tlhalosa gore batho ba gantsi ba utswiwang ke basetsana le bomme.
Mme Rabakane o ne a tlhalosa gore gantsi batho ba ba utswiwang ba dirisiwa ditiro tse di sa siamang e bile di le kgatlhanong le maikutlo a bone. A re basetsana gantsi ba tsewa ba bo ba dirisiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo e le kgwebo, a tlatsa ka go re gantsi batho ba, ba utswiwa mo metseng ya bone kgotsa ba raelwa ka ipapatso ya ditiro kwa moseja.
A re ka jalo go botlhokwa gore Batswana ba ele tlhoko melaetsa ya ipapatso ya ditiro le dikole ka jaana di kgona go ba digela ka lemena. O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go ya go kopa thuso kwa mapodising go batlisisa bonnete jwa ipapatso.
O ne a tlhalosa gore gantsi bangwe ba felela ba iphitlhela ba raletse diemo tse di thata morago ga go solofediwa gore ba tlaa tsenngwa dikole kwa mafatsheng mme ba fitlhele ditsholofetso tseo di na le dibelebejane mme go le bokete go boela gae.
O ne a tlhalosa fa bomme ba bagolwane bogolo jang ba tseelwa go tshodisiwa bana, bana bao ba bo ba rekisiwa, mme ba bangwe ba utswelwa go ntshiwa dikarolo tsa mmele di tshwana le diphilo di bo di rekisiwa.
Batlhatlheledi ba re fa ba ntse ba tsena dithuto tsa go kgaogana maele a go tsibosa batho ka se, go ne ga supa fa bangwe ba tsenya batho mo dikoloing tsa dithoto gore ba kgone go feta ka bone mo melelwaneng.
Ba ne ba tlhalosa gape gore gantsi batho ba ba tsewang kgatlhanong le maikutlo a bone mogang ba boang ba tla ba sa itekanela sentle mo ditlhaloganyong fa bangwe ba tla ba tlhokafetse.
Ba ne ba tlhalosa gore ba na le dikgang tse pedi tse mo go tsone mme mongwe a neng a solofediwa tiro kwa Canada mme yare a tsena teng a fitlhela se a neng a sa se solofela, ba tswelela ba tlhalosa gore mme yoo o ne a tlamega go ya go beraka a bapala maungo a ditlhare gore a batle madi a go boela gae.
Ba ne gape ba supa gore lebaka le letona le le ka tswang le dira gore batho ba seka ba boela Botswana kgotsa ba bua ka seemo se ba fetileng mo go sone le go ditlhong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boikanyo Sarefo
Location : Molepolole
Event : Bokopano
Date : 13 Oct 2015






