Breaking News

Komiti ya Letsholathebe e eme ka dinao

13 Oct 2015

Komiti ya ditlhabololo tsa Letsholathebe e akgoletswe go dira ditiro tsa ditlhabololo tse di saletseng kwa morago kwa motseng oo.

E rile a buisa banni ba ba neng ba tsene mogwanto bosheng go ikopela diatla mo dikhamphaning le setshaba ka kakaretso gore ba kgone go gokela motlakase mo matlong a bone, Professor Owen Pansiri o tlhalositse fa go se motlhofo go bona dikomiti di ikemetse ka dinao mo nakong ya gompieno, a tlatsa ka go re bontsi di beile fela mo pusong go ba tswa thuso, segolo jang tiro e tshwana le yone ya go gokela motlakase. 

Professor Pansiri o ne a akgola komiti e go bo e iteka e bile e dira ka natla go diragatsa ditoro tsa yone tse e di solofeditseng morafe e bong go tsisa ditlhabololo.

 O solofeditse komiti e fa a tlaa e ema nokeng ka go e kopela dithuso mo dikhamphaning ka go farologana. 

A re o rotloetsa thata mowa wa boipelego o le puso e o rotloetsang. 

A re puso e le yosi e ka seke e kgone go diragatsa dikopo tsotlhe tsa merafe, ga mmogo le gone go tlhabolola metse le metsana lefatshe ka bophara ka madi e santse e le kgwetlho e tona. 

A re mosola wa dikomiti tsa ditlhabololo ke gone go loga maano a go itirela madi go tlhabolola metse e seng go itshopara fela. 

E rile a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa komiti ya mogwanto, Rre Peter Kafuro a re mosepele wa bone o tlaa emisiwa fela ke fa ba kgobokantse madi a a lekaneng go gokela matlo a a lesome le bongwe motlakase.

A re ba tlaa tswelela ba tsena ntlo le ntlwana ba kopa dithuso. Leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Gwafila Mokgethi o tladitse ka go re madi a ba nang le one kwa komiting a ne a sa lekane gore ba ka gokela matlo otlhe motlakase. 

A re mogopolo o wa go dira mogwanto ba o simolotse ka ngwaga wa madi wa 2012/13 mme ka go tlhoka lesego komiti e e neng e tshwere moono oo ya tlhophololwa mme ya re ka 2014  komiti e e neng e tlhophilwe ya tseeletsa mogopolo oo.

 Rre Mokgethi a re ba tlhoka P98 000 go gokela matlo a le lesome le bongwe motlakase, a tlatsa ka go re ba ipeetse seelo sa P120 000. 

Mo nakong eno ba kgonne fela go kgobokanya P5 300, mme a re o dumela gore ka tirisanyo mmogo ba tlaa kgona  P120 000 yo ba mmatlang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : GLadys Olebeng

Location : Letsholathebe

Event : Mogwanto

Date : 13 Oct 2015