Breaking News

Baapei ba borotho ba a aloga

17 Apr 2013

Baithuti ba le masome mabedi ba sa tswa go aloga mo dithutong tsa go apaya borotho kwa Ramotswa ka lenaneo la nyeletso lehuma.

Dithuto tse di ne di rulagantswe ke ofisi ya boipelego. Erile mokhanselara yo o tlhophilweng ke tona, Mme Boitumelo Khubilo a ema dialogane ka lefoko mo moletlong wa kaloso, a bolela fa lenaneo le, e le mogopolo o o duleng ka Tautona  Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ka maikaelelo a go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo.

Mokhanselara Khubilo o boletse fa lehuma e le selo se se ka sekeng sa fela mme le ka fokotsega fa Batswana ba ka tsenya marapo dinameng. O rotloeditse dialogane tseo go ikopanya, ba itirele maapeelo a borotho ba seka ba re ba ikemela ka nosi ka go ka ba ketefalela.

O ba gakolotse gore fa ba ikopantse, ba ka tswa ka megopolo e e  farologanyeng e e ka ba isang golo gongwe. Mme Khubile o akgotse banka ya Barclays go bo e thusitse mo dithutong tseo ka go reka didirisiwa tse a reng di tlaa solegela ba le bantsi molemo isago.

E ne ya re mongwe wa dialogane, Mme Banyanabotlhe Ramaretlwa a ntsha la gagwe, a leboga tiro e ntle e ba boipelego ba e dirang go tlhabolola matshelo a bone. O boletse fa ene a ne a itlhobogile mo botshelong  a akanya gore ga a na mosola, mme ka thuso ya ba boipelego o kgonne go lemoga bokgoni jwa gagwe.

Mme Ramaretlwa a re o ne a sa lemoga gore le ene o na le bokgoni jwa go apaya borotho jo bo tshwanang le jo bo rekisiwang mo mabentleleng, mme o lemogile bokgoni jwa gagwe mo malatsing a mararo fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Moletlo wa kaloso

Date : 17 Apr 2013