Motlobo wa dibuka o ema dikole nokeng
17 Apr 2013
Mogolwane wa motlobo wa dibuka kwa Letlhakeng, Mme Ruth Malibala, a re ba tsweletse ka go ema dikole tse dipotlana kwa kgaolong eo nokeng.
O tlhalositse gore go tlhomilwe mananeo a a ka tokafatsang maduo a baithuti go netefatsa gore lefatshe leno le fitlhelela tebelopele ya lone ya ngwaga wa 2016.
Mme Malibala a re ba tshwentswe thata ke kwelotlase ya maduo a baithuti kwa kgaolong ya Letlhakeng, mme ba tsweletse ka go loga maano go thusa go lwantsha seemo.
O tlhalositse se mo thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke ba motlobo wa dibuka wa Letlhakeng ka fa tlase ga setlhogo se se reng Go tsenya moono wa go bala mo baneng le go abelana le bone botsipa jwa go dirisa dikhompiutara.
Mme Malibala o boletse fa thuto puisanyo eo, e ne e rulagantswe ka moono wa go sedimosetsa barutabana le baithuti ka lenaneo le lesha le le itebagantseng le go rotloetsa baithuti go bala le botlhokwa jwa go dirisa maranyane a masha, le le tlaa simololwang kwa dikoleng tse dipotlana tsa Takatokwane, Motokwe le Gothibamang.
Mongwe wa bagolwane ba metlobo ya dibuka kwa Gaborone, Mme Malebo Setlhare, a re ba itlamile go netefatsa gore maduo a baithuti a tokafala mo dikoleng ka go tshwaragana le barutabana go rotloetsa baithuti go bala le gone go dirisa maranyane a segompieno.
A re go bala go botlhokwa thata mo moithuting ka jaana a kgona go tlhaloganya botoka pampiri ya ditlhatlhobo, mme a arabe ka fa go tlhokafalang ka teng.
A re ba lemogile fa bontsi jwa badirisi ba metlobo ya dibuka e le baithuti ba dikole tse dipotlana, mme ka jalo ba itlamile go ba thusa ka go ba rotloetsa go bala gore ba tle ba dire sentle mo dithutong tsa bone.
Moemedi go tswa British Council, Mme Boitumelo Kgangetsile, o ne gwetlha dikole tse dipotlana go inaakanya le lenaneo la go gaisana ka go bala le go tlhaloganya se se badilweng, le le itebagantseng le baithuti ba ba palelwang ke go bala.
Mogokgo wa sekole sa Mophane kwa Gaborone, Mme Mumsy Utlwang, o ne a ntsha bopaki jwa gore lenaneo leo le ba thusitse fela thata kwa sekoleng sa bone, ka se bona maduo a a itumedisang.
O gwetlhile barutabana go dira tiro ya bone ka lorato le bopelotelele, ka e le tsone tse di ka ba kgontshang go tokafatsa maduo.
A re tshwaragano ya batsadi le barutabana e tla pele kwa sekoleng sa bone, mme ka jalo a kopa batsadi ba dikgaolo tse dingwe go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Thuto puisanyo
Date : 17 Apr 2013






