Breaking News

Inaakanyeng le mananeo - Senai

17 Apr 2013

Modulasetilo wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Moatshe Senai, o gakolotse banana ba Mahalapye go nna le ponelopele ka go inaakanya le mananeo a puso e a tlhamileng go tokafatsa matshelo a bone.

E rile a bula semmuso thuto puisanyo ya banana ya malatsi a le mane kwa Mahalapye, Rre Senai a bolelela banana gore nako ya go tshameka e fetile jaanong go le mo maruding a bone go tsaya tsia matshelo a bone ka go ipelega ba itshimololela dikgwebo di tshwana le tsa temo-thuo, tsa ditirelo le tse dingwe tse di ka tokafatsang matshelo a bone.

Rre Senai a re banana ba tshwanetse go ikgapha mo dilong tse di maswe pele ga ba ka simolola dikgwebo gore ba itebaganye le tsone, a gatelela gore bogolo ba tshwanetse go nna le kitso ka dikgwebo tse ba eletsang go di simolola gore e ba thuse mo go tsamaiseng dikgwebo.

A re gangwe le gape dikgwebo tsa banana tse di atlegang ke tse beng ba tsone ba ititeileng sehuba gore ba batla go tswelela mo botshelong e bile ba simolotse dikgwebo ka gore ba a di rata, ka jalo ba di simolola ba tsentse marapo mo dinameng.

Rre Senai o kgadile mokgwa o o dirwang ke banana ba lefatshe leno wa go tabogela go kopa madi a puso le mororo motho a ne a sena kitso ya kgwebo e a batlang go e dira mme dikgwebo di felele di phutlhame, a kaya fa se, e le tshenyo ya madi.

A re mokgwa oo, o atile ka monana o abo a dira ka ntlha ya gore ga a na tiro kana ga a tsene sekole, a sa eteletsa mowa wa lorato le kitso kwa pele.

Rre Senai o kopile banana ba ba neng ba tsene dithuto tseo ba akaretsa ba dikgaolo tsa botlhopi tsa Shoshong, Tswapong borwa, Mahalapye bophirima le Mahalapye botlhaba go dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka dikgwebo tse ba eletsang go di simolola le go lekola mmaraka ka ke one o tlaa ba supegetsang gore a dikgwebo tsa bone di tlaa atlega. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thebeetsile Orapeleng

Location : MAHALAPYE

Event : Thuto puisanyo

Date : 17 Apr 2013