Breaking News

Ba Tutume ba bolotsa letsholo

16 Apr 2013

Komiti ya lephata la ditsela ya Nata/Gweta, e tshwaragane le ba Ipabalelo tseleng, matlhoko a leruo ga mmogo le sepodisi mo kgaolong potlana ya Tutume, ba boloditse letsholo la go kwala ditshipi le go kapa ditshwantsho tsa leruo lotlhe le le gobeyang mo ditseleng le kgoreletsa metsamayo ya dikoloi.

Letsholo le le simolodisitswe kgwedi eno e tlhola lesome le botlhano mo tseleng ya Nata/Gweta, Nata/Dukwi le Dukwi/Mosetse. E rile a bua kwa Nata ka Mosupulogo, Rre Mareko Kofa, yo e leng moeteledipele wa komiti ya lephata la ditsela mo Nata/Gweta, a re molaetsa o setse ba o aname ka go tshwara diphuthego, se se setseng jaanong ke go diragatsa molao.

A re ba ntse ba ntsha leruo mo tseleng go fokotsa go baka dikotsi tse di gapang matshelo a batho le go senya dithoto mme beng ba leruo ba sa lefisiwe sepe. Rre Kofa  a re puso e senyegelwa ke madi a mantsi go thapha dikhamphani tse di kobang leruo mo ditseleng bosigo le motshegare, mme beng bone ba tlhabile kgobe ka mutlwa.

A re se sengwe ke tereta e puso e lekang go thusa barui ka yone, mme bone ba sa e tseye tsia, ka bangwe ba e kgaola go tlodisa leruo la bone. O tsweletse are ba tlaa dira tiro e mo mosong nako ya borataro go ya go tsena ka nako ya borobabongwe mo mosong, e re mo maitseboeng ba simolole ka nako ya botlhano go ya go tsena ka nako ya boroba bobedi bosigo ka malatsi a ba a dumalaneng.

Mogolwane o boletse fa dipalo tsa dikotsi tsa tsela tse di bakwang ke leruo di ile magoletsa mo kgaolong mme ba bone go tshwanela gore ba bolotse letsholo la go ntsha leruo lotlhe mo ditseleng, a tlatsa ka gore mo mafelong mangwe, bangwe ba gatetse pele.

Rre Kofa a re barui ba tlaa lefisiwa dipula di le dikete di le pedi kana go ya kgolegelong dikgwedi tse di fa gare ga borataro le lesome le bobedi fa ba sa golola leruo la bone.

O tlhalositse fa ba ba bulang dikgoro gore leruo le tsene mo tseleng le bone ba tlaa lefisiwa madi a a tshwanang fa ba sena go bonwa molato. A re leruo leo, go supagala fa le tlwaeditswe go fudisediwa mo ditseleng, ka ba ntsha leruo le le lengwe malatsi otlhe foo.

O tsweletse ka go kopa badirisi ba tsela go nna kelotlhoko ka dinako tsotlhe go fema dikotsi tsa tsela. A re le bone ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go ntsha leruo mo tseleng, a kopa setshaba go dirisana mmogo le bone gore ba kgone go dira tiro ya bone ka manontlhotlho.  Rre Kofa a re letsholo le tlaa akaretsa le ditsela tsa Matsitama, Lepashe ga mmogo le Maitengwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : TUTUME

Event : Letsholo la itshireletso

Date : 16 Apr 2013