Metshameko e tlisa botsala
13 Sep 2015
Modulasetilo wa komiti e e tsamaisang metshameko ya dikgaolo tsa botlhophi, Rre Ontuetse Kenosi o boletse fa lenaneo leo la go leka go ntsha banana mo mekgwatheng ka metshameko go lebega le tswa tema ka banana ba inaakantse le metshameko ka botswapelo.
Rre Kenosi o tlhalositse mo potsolotsong fa metshameko e, e tsisitse botsalano ga mmogo le go ananya dikitso mo kgaolong ka bophara.
Rre Kenosi o tlhalositse fa go tlhoka tsebe ga banana go lebega go ile tlase ka banana ba inaakantse le metshameko. A re go supega fa talente e le teng mo kgaolong ka bana le bone ba supa kgatlhego. O tsweletse ka go supa fa tirisano ya bone le beng ba ditlhopha e le ya maemo a ntlha ka ba supa kemo nokeng e bile e le bone ba ba gakololang fa dilo di sa tsamae sentle.
A re tshwaragano e, e dira gore tiro ya bone e nne motlhofo.
O kaile fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo go tsamaiseng metshameko e le ditlhopha dingwe tse di ikgatholosang tsamaiso jaaka go dirisa bana ba dikole ga mmogo le batshameki ba ba tshamekelang ditlhopha tse di kgolwane.
E rile a tswa la kgothatso Rre Kenosi a kopa ditlhopha go tsaya lenaneo le ka tlhwaafalo ka le ka ba ntsha mo lehumeng ga mmogo le gone go ba batlela tiro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 13 Sep 2015






