Breaking News

Lephata le ema bomme nokeng

14 Apr 2013

Mogolwane mo lephateng la bomme, Rre Mpilo Mbo, a re ba tsweletse ka go ema bomme nokeng gore ba seka ba salela kwa morago, mme ba akole mananeo a puso fela jaaka Motswana mongwe le mongwe.

Rre Mbo o tlhaloseditse mo potsolotsong bosheng gore go lemotshega fa gantsi borre ba akola mananeo go gaisa bomme, lebaka e le gore bomme kana bana ba basetsana, ba diiwa ke ditiro tsa mo lwapeng le go tlhokomela bana, mme lephata la bone le leka go tsisa tekatekanyo.

O tlhalositse gore dipalo di supa fa bomme ka bontsi ba sa ntse ba saletse kwa morago, mme lephata le leka go ba tsholetsa ka go ba rotloetsa go ikemela ka dinao, go ipopa ditlhopha ba itlhamela ditiro tsa diatla jaaka go roka, go apaya le ditshingwana tsa merogo, mme bone ba ba thuse ka madi go simolola dikgwebo tseo.

Rre Mbo o tsweletse a tlhalosa gore ba sa ntse ba tshwenyegile thata ka kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana.

A re ga ba a sokamela ka fa letlhakoreng la bomme fela ka ba lemogile gore gantsi fa go nna maswe, borre ba tswa mo lwapeng ba tlogele bomme go sala ba sotlega ka bana, mme ba beile diemo tsa go nna jalo leitlho.

Rre Mbo a re go tlaa tshwarwa ditshupo tsa bomme monongwaga go supa ditiro tsa bone, a ba a ba rotloetsa gore ba tle ka bontsi.

Rre Mbo a re ba setse ba amogetse dingongorego go tswa kwa ga bomme ba ba gwebang ka go reka dilwana kwa ntle ga Botswana go di rekisa mono, ba ba neng ba ikuela fa ba sa bone dipoelo ka ba kgethela dilwana tseo madi a mantsi ebile ba sa tsewe sentle ke mapodisi kwa melelwaneng.

O tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go leka go kopana le maphata a a lebaganeng le gore ba tlhalosetse bagwebi ka melao ya thekiso ya mafatshe le ditumalano tsa kgwebo tse di leng teng gore ba nne le kitso e e maleba go tswelela ka dikgwebo tsa bone go na le go felela ba itlhoboga ba nna fa fatshe e nna morwalo wa puso.  

A re ba tshwanetse go nna le mokgatlho o o tiileng gore lentswe la bone le utlwale, mme lephata le tlaa ba thusa go tsweledisa ditoro tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Agnes Nchinyi

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 14 Apr 2013