Breaking News

Bagwebi ga ba a bona dipoelo

25 Aug 2015

Bagwebi ba ba neng ba rekisa dijo, dino le dimonmone kwa mabelong a dipitse a Kokotsha  bosheng ba supile fa ba sa kgotsofalela theko ya bareki ba ba neng ba tshologetse tiragalo eo.

Mo potsolotsong le BOPA,  Mme Zelma Titus o supile  fa e ne e se lantlha a tla go rekisa mme maitemogelo a gagwe e le gore batho ba ne ba sa tla ka dipalo tse di nametsang ka jalo a sa dira dipoelo jaaka a ne a solofetse. 

Mme Titus o ne a tswelela ka gore ene le ba lelwapa la gagwe ba ne ba kgobokantse madi a ba rekileng dijo le ditsompelo tse ba di dirisitseng go baakanyetsa bareki. 

A re seo ke se ba se dirang ngwaga le ngwaga mme a re ngwaga ono ga ba a bona dipoelo tse di nametsang.  Mme Janet Saseng, mongwe wa bagwebi yo o neng a rekisa dijo tse di apeilweng ene o ne a kaya fa e ne e le lantlha a tla go rekisa. 

O ne a kaya fa a itemogetse gore batho ga ba sa kgatlhegele go ja diraese tse a neng a di apeile, mme ba ne ba batla phaletshe le nama e e besitsweng.   O kaile gape fa palo ya mekhukhu  e le ntsi jaanong seo se ba baya ka fa mosing ka ba lebile palo e nnye ya batho.

Mo posolotsong ya mogwebi wa boraro, Mme Besie Medupi o ne a supa fa a nameditswe ke ka fa a reketsweng ka teng. Mme Medupi a re ene o lemogile fa batho ba kgatlhegela dijo tse ba sa di jeng malatsi otlhe kwa malapeng. 

O tlhalositse fa a ne a ikaelela go soka phaletshe a bo a e shabisa ka nama e e besitsweng le chakalaka. Mme Medupi o ne a supa fa dijo tseo di sa mo turela go di reka ebile di le bonolo go di apaya.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa bogakolodi wa komiti ya mabelo a dipitse kwa Kokotsha Rre Johannes Titus o supile fa mekhukhu ya thekiso e okeditswe ka e tlhano go tswa kwa go lesome ka maiteko a go tlhamela banni mebereko le fa e le ya nakwana.

O ne a  rotloetsa  bagwebi go itse dikeletso tsa bareki gore ba kgone ba dire dipoelo tse di botoka. 

A re komiti ya mabelo a dipitse e mo maikaelelong a go kopanya ditlhogo le komiti ya ditlhabololo tsa motse mo maitekong a go tlhabolola matshelo a morafe le motse wa Kokotsha. O tsweletse ka go tlhalosa fa mabelo a dipitse kwa Kokotsa a solofetsa kgolo, ka jalo a re seo se ka kgonagala fa ba ka bona thotloetso ya madi. Bokhutlo

 

 

 

Source : BOPA

Author : Lorato Ntau

Location : Kokotsha

Event : Potsolotso

Date : 25 Aug 2015