Breaking News

Begelang mapodisi ditiro tse di fatlhang

25 Aug 2015

Ramapodise wa Bobonong Rre Paul Seoko a re dipalo tsa bana ba dikole ba ba imang di golela pele mo kgaolong ya gagwe.

Mo potsolotsong o boletse fa go supega fa bontsi jwa bana ba ba imang ba tsena mo maratong le borre ba ba tona mme dikgang tsa go nna jalo e se gantsi di begelwa mapodise ke batsadi kgotsa barutabana.

Rre Seoko a re bontsi jwa ba ba dirisiwang mo ditirong tse, ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro mme a supa fa se e le molato o motho a ka o elang kgolegelong fa a bonwe molato ke lekgotla la ditsheko.

A re go a tshwenya go bo batsadi le barutabana ba sa  begele mapodise ditiragalo tsa go nna jalo mme ntswa e le bone batlhokomedi ba bana, ebile e le bo  ne ba  ntlha go itse le go lemoga fa ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase a tlogetse  sekole ka ntlha ya go ima kgotsa a kgokgontshwa ka tlhakanelo dikobo.

Rre  Seoko a re batsadi ba fitlha dikgang  tsa mothale o, ebile go lebega fa  bangwe ba bana ba  ba  amogela pipa molomo mo go borre ba ba  imisitseng bana gore melato e e seka ya begelwa mapodise.

O tlhalositse fa mo mabakeng mangwe bana ba go belaesega gore ba imisiwa ke ba masika a bone mme e nne phitlhela kgomo ya serotswana.

Erile fa a itebaganya le barutabana le bagokgo ba dikole, Rre Seoko a re go maswabi go  bona fa batho ba ba  tsewang  e le   batlhokomedi e bile  ba filwe boikarabelo  ja  bana mo dithutong le  bone ba palelwa ke go  bega dikgang tsa mothale o, mme se se kuketse go ima  ga banana mo dikoleng.

A re e le ba sepodise ba setse ba amogela dipego tseo go tswa go ofisi ya boipelego le ba a ba galaleditseng gore ba bega se batsadi le barutabana ba paletsweng ke go se dira.

A re e le ba sepodise ba tlaa ikgolaganya le ba dikole le dikokelwana gore ba ba begele ditiragalo tsa boimana ja bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano ka ke bone ba kwadisang boimana mo makaleng a bone.

Rre Seoko a re ka ngwaga wa 2014 ba ne ba tshwara dithuto-seka dipuisanyo go ralala dikgotla  tsotlhe tsa Bobonong ba tsibosa setshaba ka dikgang tsa go ima ga bana ba dikole, go tsena mo maratong le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga mmogo le go thubediwa ga bomme.

A supa fa morago ga dithuto tseo ba ile ba lemoga tokafalo le kgolo mo go begeng ditirgalo tsa mothale o.

O supile fa ngwaga ono borre ba le babedi ba kgotla ya Dandane ba ne ba lebesiwa molato  wa go dirisa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le borataro mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Rre Seoko o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno ba begetswe dikgang tsa mothale o, di le supa tse di tlaa sekwang ke lekgotla la ga mmakaseterata mo bogaufing.

O kgothaditse batsadi le barutabana ga mmogo le setshaba ka kakaretso go  tsaya boikarabelo le go  gololesega go  bega dikgang tsa mothale o mo sepodiseng gore dilalome tse di senyetsang bana isago  di tseelwe dikgato tse di maleba.

Rre Seoko a re e le ba sepodise ba tsile go bereka  bosigo le motshegare go nyeletsa seemo se. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : Bobonong

Event : Potsolotso

Date : 25 Aug 2015