Ba Tati Bophirima ga ba batle dikgaolwana di fokodiwa
14 Apr 2013
Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima, ba kopa gore thulaganyo ya makhanselara a a itlhophelwang e emisiwe kwa kgaolong ya bone mme ba okelediwe palo ya dikgaolwana.
Ba re ga ba dumalane le gore dikgaolwana tsa bone di fokodiwe go nna boferabongwe. Baagi ba buile seo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke komiti e e phuthang megopolo ka kgaoganyo melolwane ya dikgaolwana tsa botlhophi tsa bokhanselara.
Komiti eo e ne ya wetsa mosepele wa yone kgwedi eno e le lesome ka go tshwara diphuthego tsa kgotla kwa dikgaolwaneng tsa Kalakamati, Makaleng le Gulubane, mme e lebanwe ke kgwetlho ya go kgaoganya dikgaolwana tse disha. Baagi ba dikgaolwana tseo fela jaaka ba dikgaolwana tse dingwe, ba ne ba kopa gore kgaolo ya bone e tlogelwe e na le dikgaolwana tse di lesome jaaka e ne e ntse.
Kwa Makaleng le Gulubane, baagi ba ne ba tlhalosa fa ba eletsa dikgaolwana tsa bone di ka tlogelwa jaaka di ntse, fa ba lebile tirisano ya metse e e bopang dikgaolwana tsa bone.
Banni ba kgaolwana ya Gulubane ba ne ba kopa gore kgaolwana ya bone e kgaoganngwe gabedi ka e le bophara e bile e bopilwe ka metse e le mene, ba bo ba kopa gape gore go okediwe matlhophelo kwa motseng wa Gulubane go fokotsa mosuke le go fokoletsa bagolo mosepele wa go ya kwa sekoleng se sebotlana sa motse.
Ba tsweletse ba ngongorega ka dipalo tsa palo batho e e sa tswang go dirwa, ba re ga e a dirwa sentle ka dipalo di sa tsamaelane le palo ya batho ba ba mo metseng ya bone.
Modulasetilo wa komiti eo, Rre Salini Bafaneli, o ne a tlhalosetsa morafe fa mo kgaolong eo, seelo se mokhanselara a tshwanetseng go emela batho e le 3 172, a re mme go ka diragala gore dikgaolwana tse dingwe di nne le palo e fa godingwana kgotsa e e kwa tlasenyana go lebilwe mabaka a a farologaneng.
Komiti e ne ya tshepisa fa e tlaa fetisetsa megopolo ya baagi kwa go ba ba lebaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Apr 2013






