Breaking News

Leuba le tlhasetse Otse

11 Apr 2013

Leuba  le tlhasetse motse wa Otse kwa kgaolong ya legare. Seemo sa leuba se okeditswe ke go tlhoka phulo ya leruo, go kgala ga metswedi ya didiba le go tlhoka thobo e e nametsang mo temong ya monongwaga.

Kgosi Boithamako Keipone o boletse mo potsolotsong gore  e re  ka  dipula di dikile di le boutsana mo kgaolong eo, dijwalo di ne tsa bolawa ke letsatsi mo e bileng batho ba ba neng ba lemile ka  lenaneo la  ISPAAD  ba  duleng ba iphotlhere fa leruo lone le kaila kaila fela ka jaana didiba le tsone jaanong di simolotse go kgala.

Kgosi  Keipone  o  boletse gore ka  go  sena  phulo  monongwaga  e  bile didiba le matamo di simolotse go kgala  o  kopa  mmuso go sekaseka go ba hokoletsa ditlhatlhwa tsa dijo tsa leruo le melemo. A re o ka leboga go menagane fa lenaneo la Ipelegeng le ka tsweledisiwa mo motseng  wa gagwe gore batho ba kgone go itshetsa ka lone.

E  rile a itebaganya  le  dikgomo  le dipodi tse puso e di rekelang batho ba tennyana-teng ka maikaelelo a go tlhabolola  matshelo a bone, a  bolela  fa diruiwa  tsa  go  nna  jalo  di  letlelelwa  go nwa  mo  sedibeng  sa morafe  ka jaana batho ba tennyana-teng ba sena dithata tsa go ikepela didiba.

A re ka dinako dingwe fa  sediba  sa  bone  se senyegile ba kgona go kopa metsi kwa motseng wa Lephepe kwa kgaolong ya Kweneng. Rre Keipone o tsweletse  ka  go tlhalosa  fa mathata mangwe a a tshwenyang mo motseng oo, e le a go senyega ga terata ya thibelo matlhoko a loruo e e kgaoganyang kgaolo ya Gammangwato le kgaolo ya Kweneng.

A  re  ka  terata  eo  e na  le  dingwaga  di ka tshwara nne kana botlhano e ntse e senyegile, o  kopa puso go tsosolosa terata eo ka lenaneo la Ipelegeng  ka jaana ba lephata la tsadiso le matlhoko a leruo ba sa tsee dikgato dipe ntswa ba sale ba boleletswe ka seemo sa terata eo.

Kgosi  Keipone a re  fa  go  sa  tsewe  dikgato  ka  bofefo  go baakanya terata  eo,  dikgomo  tsa  kgaolo  ya  Kweneng  le  legare  di  ka  nna  tsa tshelana malwetse ka go sena terata e e di kgoreletsang go kopana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Otse

Event : Potsolotso

Date : 11 Apr 2013