Breaking News

Batsadi ba ngongorega ka Matsha

11 Apr 2013

Batsadi kwa Letlhakeng mo kgaolong ya Kweneng, ba ngongoregela tsamaiso ya sekole se segolwane sa Matsha, se se kwa motseng wa Kang.

Ba ntshitse matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke barutabana ba sekole seo ka moono wa go rerisana le batsadi go tlhabolola boleng jwa thuto.

Batsadi ba tlhalositse fa ba sa kgotsofalele boikarabelo jwa bodiredi jwa sekole seo ka ntlha ya boitsholo jo bo makgasa le go palelelwa ke dithuto ga bana.

Ba ngongoregile ka tlhaelo ya barutabana e ba tsereng lebaka ba lela ka yone. Ba re matsapa ke gore fa go fudusiwa barutabana bangwe koo, go tsaya lebaka gore diphatlha tsa bone di kabiwe.

Ba ne ba kopa botsamaisi jwa sekole seo go tsaya boikarabelo jwa go tokafatsa maduo a sone.

Batsadi bangwe ba re fa sekole se sa dire sentle, baithuti ba felela ba tswa mo tseleng. Ba re seemo sa maduo a a kwa tlase se tshwanetse go tsibogelwa ke batsadi le barutabana, jaaka Motswana a re ngwana sejo, oa tlhakanelwa.

Batsadi ba re mathata a sekole seo a tswa kgakala mme a ka rarabololwa ka go tlhopha komiti ya tlhokomelo kgodiso ya bana gore e thusane le barutabana go betla isago ya baithuti. Mogolwane wa barutabana, Rre Otsile Maapatsane, o ne a tlhalosetsa batsadi gore barutabana ba tshwaragane le bothata jwa gore batsadi ga ba tle diphuthegong tsa  batsadi le barutabana go tla go utlwa ka boitshwaro jwa bana ba bone le go neelana megopolo ya go bo tokafatsa.

O ne a supa gore tlhaelo ya barutabana e a tshwenya mme ba ka kgona mathata a sekole fa ba tshwaragane le batsadi.

O gakolotse batsadi gore fa barutabana ba otlhaya baithuti, ba a bo ba sa ba sotle, maikaelelo e a bo e le go ba aga.

Rre Maapatsane o tsweletse ka go nankola dikgwetlho tse ba lebaneng natso jaaka boimana jwa bana, jo a bolelang bo atile  mo mophatong wa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boikobo Keboetetse

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Apr 2013