Breaking News

Banana ba somaretse ngwao

06 Aug 2015

Banana ka bontsi ba tlotlile dingwao tsa mafatshe a sele go na le ngwao ya bone.

Ka jalo banana kwa Zwenshambe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba  ba ne ba bona go le mosola go sa dire jalo mme ba tlhopha go somarela ngwao ya bone ka poko.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Kwanele July, yo o dingwaga tse di masome a mabedi le boraro a re o ne a lemoga fa a na le talente ya go boka a le dingwaga tse di lesome le bongwe mme a simolola go boka ka Sekalaka le Setswana.

Rre July a re o ne a nna a boka mo medirong e e neng e tshwarelwa kwa sekoleng le kwa kgotleng e le tsela nngwe ya go bontsha batho bokgeleke jwa gagwe.

A re o itumedisiwa ke gore fa e sale a simolola go boka, go na le batho ba le lesome ba a setseng a ba rutile ka le bone ba ne ba na le keletso ya go anya botsipa jo.

A re o ne a tsaya maemo a ntlha ka nako ya fa a ne a tsene dikgaisano tsa kgaolo ya Tati Bophirima ka ngwaga wa 2013.

Rre July o ne a tlhalosa fa a setse a na lesetlhopha se se bidiwang Matona Poetry Performers se se nang le maloko a le supa.

A re setlhopha se se setse se gatisitse pina e e nang le poko mo teng mme o tlhalositse fa ene le ba setlhopha sa gagwe ba santse ba batla barotloetsi gore ba tle ba kgone go gatisa dipina tse dingwe le go ka kgona go ya kwa mafatsheng a sele go bontsha batho ba mafatshe ao ngwao ya Batswana.

Rre Kunyalala July, yo o dingwaga tse di lesome le bofera bongwe, a re e ne ya nna mongwe wa ba ba neng ba nna le keletso ya go anya botsipa jo mme a re o ne a nna a bala le dibuka tse di rutang ka poko gore a oketse botsipa jo a neng a na najo.

Kunyalala a re o ne a tsena mo go tsa poko a le dingwaga tse lesome le boraro ka a ne a e rata, segolobogolo jang ya Setswana.

 

O ne gape a re batho ba amogela bodiragatsi jo jwa gagwe gape le ene a re o bona go tswa tema ka a re mo bogompienong o setse a kgona go boka leboko le le leele mme a kile a bo a ne a sa kgone go le pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nkwebi Monyadzwe

Location : Zwenshambe

Event : Potsolotso

Date : 06 Aug 2015