Breaking News

Komiti e goketse metsi

10 Apr 2013

Komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Sebina mo kgaolong potlana ya Tutume ya re e tsweletse ka maitlamo a yone a go tlhabolola motse.

E rile fa a tlhalosa mo puisanong, modulasetilo wa komiti, Rre Emmanuel Mathambo a re ba tsweletse  ka go tlhabolola motse ka ba setse ba  kgonne go  tsenya dipompo tsa metsi mo mafelong  a  le mantsi.

A re ba kgonne go tsenya  pompo ya metsi  kwa motlobong  wa dibuka o o santseng o agiwa e bile o le gaufi le go wela, mme a kaya gape fa ba fokoleditse le batho ba ba hirisitseng mo matlong a bone tiro ya go gelela metsi kgakala kwa dipompong tsa motse ka go ba  tsenyetsa pompo fa ba nnang teng.

O ne a tswelela ka gore ba kgonne le go oketsa ditilo tse ba di adimisang go dirisiwa mo ditirong di tshwana le meletlo, manyalo le dintsho go tswa mo go masome a matlhano  go ya kwa lekgolong.

A re phetogo eo e tlaa thusa fela thata ka e tlaa oketsa  dipoelo tsa komiti mme di ba thuse ditlhabololo tse dingwe tsa motse tse di akaretsang go gokelela matlo a komiti motlakase.

O boletse fa ba kgonne le go simolola kgwebo ya go foroma ditena tse a tlhalosang di le tlhotlhwa tlase go feta tsotlhe ka mo motseng ka di lopa dipula tse tlhano se le sengwe.

A re ba dira jalo e le tsela ya go thusa batho go tlhabolola matshelo ka go ba  tlhamela mebereko le gone go  ba tlhofofaletsa go ikagela matlo.

O ne a digela ka gore madi a dipoelo tse, a bereka go tlhabolola motse ka ebile ba na le maikaelelo a go aga matlwana a boiteketso a a duelelwang fa pele ga marekisetso ka e le gone go nang le palo e ntsi ya batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kagiso Hunyepa

Location : TUTUME

Event : Puisanyo

Date : 10 Apr 2013