Monna o bonwe molato wa go kgweetsa a itshietse
10 Apr 2013
Mmakaseterata wa Jwaneng, Rre Odirile Mokgatle e rile bosheng a bona Innocent Muzola molato wa go kgweetsa koloi selekanyo sa bojalwa mo mmeleng se feta se se letlelesegang.
Muzola, yo o dingwaga di masome mararo le botlhano, o ne a atlholwa P4 000 kana dikgwedi di le lesome le boferabobedi fa a sa duele madi ao mo malatsing a le lesome le bone go tswa letsatsi la katlholo.
Mo godimo ga moo, lekgotla le ne la laola gore mosekisiwa a gapelwe setlankana ebile a seka a kgweetsa dingwaga tse pedi.
Dintlha tsa kgang di supa fa e rile kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le lesome le bobedi ngwaga o o fetileng, mosekisiwa a emisiwa ke ba sepodise fa sekganeding sa tsela ya Jwaneng/Sese. Go bolelwa fa a ne a kgweetsa koloi ya modiro wa Mazda, mme ya re morago ga go tlhatlhobelwa selekanyo sa bojalwa, ga fitlhelwa se feta se se letlelesegang ka fa molaong sa 0.35mg/1000ml.
E ne e rile go le pele, mosekisiwa a supa fa a sa ipone molato mme ebile a tlhalosa fa a tlaa batla mmueledi go mo emela. Ka nako ya tsheko mmueledi o ne a seka a iponatsa kwa kgotleng ka jalo mosekisiwa a ikemela, fa ba bosekisi bone ba ne ba biditse basupi ba le babedi.
Mosupi wa ntlha, Inspector Oathusa Tshotlego wa sepodise sa pharakano mo Jwaneng, o ne a bolelela lekgotla gore ka letsatsi le le boletsweng leo o ne a neelwa mosekisiwa ke mongwe wa babereki ka ene gore a mo tlhatlhobele selekanyo sa bojalwa, mme maduo a tswa a supa 0.79mg/1000ml.
A re morago ga go bontsha mosekisiwa mokwalo wa maduo ao, bobedi joo bo ne jwa a baya monwana go a rurifatsa.
Mosupi yo mongwe, ka nako ya tiragalo e ne e le lepodise Rre Oaitse Serumola, mme o ne a tlhalosa gore ke ene a neng a emisitse mosekisiwa kwa sekganeding sa tsela, mme morago ga go kopa go bona setlankana a tlhanyega a utlwa monko o a neng a belaela e le wa bojalwa.
A re o ne a isa mosekisiwa kwa go Inspector Tshotlego gore a mo tlhatlhobe, ka jaana e ne e le ene a dirisang mochine ka nako eo.
A re morago fa a utlwa ka maduo a tlhatlhobo eo, o ne a itsise mosekisiwa ka molato o a o lebisiwang, mme koloi e a neng a e kgweetsa yone ya isiwa kwa diofising tsa sepodise go ya go tlhatlhobiwa jaaka e le tsamaiso.
Ka nako ya tsheko, mosekisiwa o ne a seka a botsa basupi botlhe ka bobedi dipotso, a tlhalosa fa bosupi jo ba bo fileng lekgotla e le boammaruri jwa se se diragetseng ka letsatsi leo.
Erile a a fa jwa gagwe bosupi, Rre Muzola a tlhalosa fa ka letsatsi leo a ne a ntse kwa ga gagwe a a nwa bojalwa mme morago ga tla mme mongwe a kopa gore a mmoledise. A re e re ka go ne go setse go le lefifi, o ne a isa mme yoo ka koloi kwa EU 3, mme mo tseleng a emisiwa ke mapodisi.
Mosekisiwa o ne a kopa lekgotla gore le seka la mo gagamaletsa setoropo ka jaana e ne e se maikaelelo a gagwe go kgweetsa a nole.
O ne gape a kopa gore a seka a tseelwa setlankana sa go kgweetsa ka a itshetsa ka sone mo tirong ea e berekang kwa moepong wa Jwaneng.
Mmakaseterata Rre Mokgatle o ne a tlhalosa fa kgang e tlhamaletse ebile e sa tlhoke dintlha tsa tshoboko tsa bofelo ka ba bosekisi le mosekisiwa.
O boletse fa gape bosupi bo tsamaelana, a tlatsa ka gore mosekisiwa le ene o dumalana le jone.
Mo godimo ga moo, a re mosekisiwa ga a supa gore ke eng se se neng se mo pateletsa gore e nne ene a kgweetsang koloi eo go isa mme yo a neng a bua ka ene, ka jalo lekgotla le bona go ne go sa tlhakofale.
Mo katlholong , mmakaseterata o ne a supa fa mosekisiwa a ne a le boikobo fa pele ga lekgotla.
Le fa go ntse jalo, a re e re ntswa a amogela ipobolo ya mosekisiwa ya gore o itshetsa ka setlankana sa go kgweetsa, tiriso botlhaswa ya nnotagi mo lefatsheng leno e ile magoletsa ka jalo makgotla a tshwanetse go tsaya karolo go thusa puso go fokotsa seemo se ka jalo a mo pega molato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Kgotla ya ga mmakaseterata
Date : 10 Apr 2013






