Breaking News

Ba Mathathane ba ngongorega ka sepodisi

09 Apr 2013

Banni ba Mathathane kwa kgaolong ya Bobirwa ba ngongorega ka mapodisi a a dirang mo motseng oo.

Ba buile mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Meshack Makgosa kwa motseng oo bosheng. Ba re mapodisi a motse oo ga a ke a tsena diphuthego tsa kgotla.

Ba re mapodisi a salela kwa morago ka go itse seemo sa borukutlhi ga mmogo le ditlhabololo. Ba boletse fa mapodisi a bonala fela kwa kgotleng ka diphuthego tsa botona kgotsa mopalamente wa kgaolo.

Morafe oo, o boletse fa borukutlhi bo ile magoletsa ka ntlha ya go tlhoka tshwaragano ga mapodisi le beng gae. Rre Makgosa a re o ikuetse kwa go ba ba okametseng ofisi ya Mathathane,  ba Baines Drift, mabapi le kgang e, a bolela fa go ise go nne le phetogo epe.

O solofeditse morafe fa a tlaa isa ngongora ya bone kwa go ba bagolwane. E ntse e le mo phuthegong eo, kgosi wa motse oo, Kgosi Richard Serumola o kopile morafe go emisa go tsholola dikgang, a re go dira jalo ke go gakatsa borukutlhi.

O kopile morafe wa gagwe go nna seopo sengwe go lwantsha borukutlhi jo bo apereng motse wa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keneilwe Manyatsa

Location : Bobonong

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Apr 2013