Breaking News

Lephata le abetse balwetse merogo

21 Jun 2015

Badiri ba lephata la dikoloi (Central Transport Organisation) kwa Tutume ba abetse balwetse ba kokelo-potlana ya Tutume merogo.

Modulasetilo wa komiti ya botsogo mo lephateng leo, Rre Itireleng Mapondo a re merogo eo ba ne ba e lema gore ba tle ba e je ka ebile ba botsogo ba rotloetsa batho go ja merogo go oketsa dikotla mo mmeleng.

Rre Mapondo a re ba ile ba lemoga fa go na le batho bangwe ba ba tlhokang go ka a ja merogo bogolo jang balwetse ba ba kwa kokelong ba lebile gape gore le bana bangwe ba ka tswa ba tlhaela dikotla mme ba bona go tshwanela gore ba kgetle bonyenyane jo ba nang najo ba ngathogane le batho bao. 

A gatelela ka gore sejo sennye ga se fete molomo, ka bonye jo bokalo setshaba se tlaa kgona go lemoga fa ba sa itebaganya le go baakanya dikoloi fela mme ba tshwenyega ka botsogo jwa batho.

A re gape ba ne ba le mo moonong wa go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016 ya setshaba se se kutlwelobotlhoko se se tlhokomelang batho botlhe.

Fa a amogela mpho eo mo boemong jwa botsamaisi jwa kokelo eo, Mme Bekezela Gilika o ne a lebogela badiri bao tiro e ntle e ba e dirileng. 

Mme Gilika a re ba ba butse matlho ka ba ntse ba le mo maikaelelong a go lema tshingwana mo kokelong mme maiteko a bone a nna a itaya se fololetse.

A re ba kopa go ngathogana le bone botsipa jwa gore bone ba kgonne jang go tsweledisa toro ya bone ya ba ya atlega ka ebile le merogo ya teng e ne e rothisa lethe e kgatlhisa thata.

O ile a ba gwetlha go ikopanya le baduladitilo ba dikomiti tse dingwe tsa botsogo tsa maphata a mangwe mme ba dire komiti e tona e e tlaa bong e okametse kgaolo.

A tlhalosa fa lephata la botsogo le na le thulaganyo ya go thusa komiti ya go tshwana le eo ka madi go tsweledisa mananeo a ba nang le one. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Kabo dimpho

Date : 21 Jun 2015