Mothusa molaodi o gakolola batlhophisi
04 Apr 2013
Badirelapuso ba ba tlaa bong ba tlhophisa mo ditlhophong tsa poeletso tsa kgaolo ya Letlhakeng bophirima ka Matlhatso, ba gakolotswe go dira tiro ya bone ka boikanyego.
Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng e bile e le motlhophisi mogolo, Rre Tsholofelo Molobe o ntshitse kgakolo e o mo bokopanong jwa go rutuntsha batlhophisi.
Rre Molobe o gakolotse batlhophisi go itse fa ba romilwe go ya go tlhophisa ka tshepo ya gore ba tlaa dira tiro ka bonatla, botswerere le ka boikanyego mme le bone ba tshwanetse ba ya go supa fa ba na le boikarabelo.
A re le mororo ditlhopho tse e tlaa bo e le tsa poeletso e bile di lebagane le kgaolo e le nngwe, ba tshwanetse ba di tsaya ka go lekana le go tshwana fela le tsa setshaba tse di akaretsang lefatshe lotlhe.
Rre Molobe o kopile mongwe le mongwe go ya go dira se a se romilweng ka botswapelo le ka boammaaruri go hema dikgogakgogano.
O kopile batlhophisi bao go ya go dira fela se se tshwanetseng, a re jaaka fa e le badirelapuso ga ba a tshwanela go ikamanya ka gope le dipolotiki mo go ka feletsang go ba baya ka fa mosing.
Mogolwane wa lekgotla la ditlhopho la IEC, Rre Dintle Rapoo, o ne a kopa batlhophisi gore ba bale thata ka molawana wa tsamaiso ya tlhopho ba bo ba o tlhaloganye ka sengwe le sengwe se ba yang go se dira, e le se se mo molaong.
O ba kopile go nna boineelo mo tirong ya bone ka dingwe diemo tse ba yang go rakana le tsone di le bokete jaaka mafelo a matlhophelo a ba yang go tlhophisetsa mo go one le, mafelo a boroko a ba yang go robala mo go one.
A re go se nne ope yo o tsayang letlhakore, ba direle sengwe le sengwe mo pontsheng, ba netefatse gore sengwe le sengwe se dirwa ka tsela e e tlhamaletseng go hema dikgoberego. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lilian Peloentle
Location : TAKATOKWANE
Event : Bokopano jwa batlhophisi
Date : 04 Apr 2013






