Radikhadi o tshela ka kgwebo ya go taka
12 Jun 2015
Go tswa goo lowe Batswana ba tlotlile mowa wa go ipelega le go itirela ka tsoo pedi gore ba seka ba wela ka lemena ba tloga ba nna bophokoje ba morago.
E sita kang ka le yone buka e thamaga e papamatsa gore e rile motlhodi wa legodimo le lefatshe a sena go lemoga fa sebopiwa se go tweng motho se tlodile ditaelo ka go ja leungo le le fa gare ga tshimo le mororo a ne a laetse gore le seka la kgongwa, a otlhaya motho a bo a bua a sa oshaoshe gore go simolola ka oura eo, motho mongwe le mongwe o tlaa tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe.
Go tla le jaana dikokomane tsa ga Atamo, a ga se ene monna wa go bolaisa sika loo motho bogale jwa Modimo ka go tlola ditaelo, di santse di tshela ka fa tlase ga phutso eo, mme le gale bangwe ba fetotse phutso eo go nna lesego mo matshelong a bone, ka e ba ruta gore tlhogo ya monna matsatsa ebile monna o tshwanetse go dirisa diatla tsa gagwe le tlhaloganyo go ipetlela bokamoso jo bontle le gone go bona gore o ka dira jang gore lebogo le tle le kgone go kgoma molomo, a ga se gone go imona.
Tota le gone mmopi ga e a re a hutsa motho, a mo tlogela fela,moo e tlaa bo e ne e le bosetlhogo, o ne a nna pelotlhomogi mme a abela mongwe le mongwe talente gore a e dirise e tle e mo thuse go tshela ka mofufutso wa phatla.
Lesedi Radikhadi ke lekawana le le sa iponeng tsapa go dirisa talente e a segofaditsweng ka yone ke Ramasedi go itlhagolela tsela ya bokamoso jo bontle le gone go rurifatsa gore nako le nako fa letsatsi le ntsha nko o nwa mogodungwana a bo a ja borotho jo bo motilweng botoro,dijo tse mo malwapeng mangwe di utlwalelwang fela.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng,Radikhadi o tlhalositse fa e rile Ramasedi a nesa pula ya matlhogonolo, ene a tlhogonofadiwa ka kitso e e tseneletseng ya botaki (painting).
“Ke simolotse tiro e ya go taka le go tshwantsha ke santse ke le mmotlana. Tota ga go thona gore ke re ke tshotswe ke le motaki. Ke godile ke na le lerato le legolo mo botaking, ” a tlhalosa.
O ne a tlaleletsa ka go tlhalosa fa a sa anywa kitso ya go taka mo go ope wa losika lwa gagwe ka go sena le fa ele ope wa ga bone yo o kileng a nna motaki.
“Mma, tiro e ya go taka le go tshwantsha, mo losikeng la me, e simologile ka nna, ba bangwe ba ba e itsile ka diatla tse tsa me tse,” a bua a lebile diatla tsa gagwe go bonala a le motlotlo ka tsone.
Radikhadi o boletse fa a simolotse go tiisa le go tsaya tsia bokgoni jwa gagwe jwa go taka ka ngwaga wa 2001 e le moithuti wa mophato wa ntlha (Form 1) kwa sekoleng se segolwane sa Tsabong.
O tlhalositse fa a ne a nna mongwe wa baithuti ba ba neng ba tlhophiwa go dira dithuto tsa botaki gone kwa sekolong seo mme morutuntshi wa gagwe yo o neng e le moZambia, Rre John Kathembula a ne a mo tlhatlhelela a bo a mo sedimosetsa tse a neng a sa di itse ka go taka.
“Ke simolotse go itsetsepela mo botaking fa ke le moithuti kwa Tsabong JSS, waitse go tsena sekolo go a thusa, fa ke ne ke sa tsena sekolo ke ka bo ke sa tlhabolola talente ya me ya go taka jaaka ke e tlhabolotse jaana. Ke gakologelwa gore fa Rre Kathembula a simolola go nthuta ke ne ke remeletse thata mo go tshwantsheng dilo jaaka di ntse mo ka sekgoa go bidiwang realism, mme monna yoo wa
Modimo o ne a me a itlhabolola a bo a ntlhatlosa a nthuta go tshwantsha mo go tseneletseng e leng Abstract,” a tlhalosa.
A re le gone kwa sekoleng o ne a sena molekane fa go tla mo dithutong tsa botaki, mme e rile fa maduo a ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa boraro a tswa, a tswa a itlhomile kwa pele a tsaya maemo a bobedi. sa Matsha, kwa le gone a fetileng a itoma sekgono, a gagamatsa motseto e sere gongwe wa fapoga lerago mme a iphitlhela a ole ka mpa ya sebete.
“Ke gopola nako nngwe ke santse ke le moithuti wa mophato wa ntlha kwa sekolong se segolwane sa Tsabong, Rre Kathembula a fuduseditswe kwa sekolong se sengwe mme ra sala re sena morutabana wa botaki ,re ne ra tsewa ra isiwa ko setlhopheng sa dithuto tsa kapei,tlhogo ya me e ne ya ema tsi!
Ka re ga ene e ya komakoma, ke ne ka tshwanelwa ke go akanya thata mme ka tswa ka leano la gore ke tsenelele dithuto tsa botaki le baithuti ba mophato wa bobedi ka tota ke ne ke sa utlwane le tsa kapei.
Ke ne ka rwala ditlhako ka ikopanya le morutabana wa mophato wa bobedi mme ra tshotlhatshotlha kgang ra bo ra felela re dumalane ka bongwefela jwa pelo gore ke tlaa tlhakanela dithuto le baithuti ba gagwe.
Mme ka boammaruri e rile fa maduo a mophato wa boraro a tla go tswa ka tla ke latswitswe ke tlhware ka ke ne ka tsaya maemo a bobedi mme ka kgona go fetela ko Matsha College kwa ke ileng ka tsweledisa dithuto tsa me tsa botaki teng ke sa letlelele sepe go nkema pele, ke ne ka kgona go ikgapela ditlankana le dimpho di le dintsi mo dithutong tsa botaki, tse di neng tsa oketsa lerato la me mo botaking,” a tlhalosa.
Radikhadi yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1986 mo Kisa, o tlhalositse fa e rile a ntse a tsweletse le dithuto tsa gagwe kwa sekoleng se segolwane sa Matsha a itshimololela kgwebo ya botaki ka go nna a tshwantsha a bo a taka ka mafelo a beke le malatsi a boikhutso a bo a rekisetsa bajanala,bagwebi, barutabana.
A re le fa ene a ne a tsere kgwebo e lolea kwa tshimologong, e ne e le tshimologo ya dilo tse dintle, ka a ne a kgona go ithusa ka yone morago ga a sena go tlholwa ke ditlhatlhobo tsa mophato wa botlhano.
“Ke ne ka seka ka dira sentle mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang tsa mophato wa botlhano, ke ne ka palelwa mo dithutong tsotlhe mme ka falola fela mo go tsone dithuto tsa botaki ka ke ne ka tsaya maemo a bobedi.
Ke ne ke ole mo go botlhoko mme ke ne ka ema ka itlhotlhora, ka ke ne ke setse ke na le kgwebo e e tsepameng le bareki, ke ne ka ikitaya sehuba, ka tsaya kgato ya go tsweledisa kgwebo ya me.Tota ka le one madi a dipoelo a ne a sa lekana gore ke ka ikisa sekoleng, go tsweledisa kgwebo e ne e le yone kakanyo e e neng e siame ka nako eo. Ke ne ka simolola go direla mo lapeng, kgwebo ya me ya gola ya bo ya phophoma, ”ga bua Radikhadi.
Radikhadi a re o ne a tswelela le kgwebo ya gagwe mme e rile ka 2007 a inaakanya le ba lephata la Banana,metshameko le ngwao ba ba neng ba mo rotloetsa go tsenelela dikgaisano tsa ngwaga le ngwaga tsa go ipelela letsatsi la ga Tautona.
A re ka 2010 o ne a ikgapela maemo a bobedi mo dikgaisanong tseo mme a abelwa seetsele.
O tsweletse ka go tlhalosa fa ngwaga wa 2010 e le ngwaga e e nnileng namagadi mo botshelong jwa gagwe ka o ne gape a nna leloko la Botswana Visual Arts Association le le itebagantseng le go tlhabololola le go sireletsa botaki ga mmogo le go buelela bataki.
Ka 2013, Radikhadi a re o ne a tlogela go iteisana borathana mo dikgaisanong tsa go ipelela letsatsi la ga Tautona mme a simolola go thusa bataki ba ba botlana, ba e leng gone ba simolang gape ba ise ba itshetlele sentle. Radikhadi a re kgwebo ya go botaki ga e tshwane le ya borotho ka a kgona go nna lobaka go sena theko. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Manene
Location : Kisa
Event : Potsolotso
Date : 12 Jun 2015






