Breaking News

Omang ke selotlolo

08 Jun 2015

E rile bosheng, tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu a tlhalosetsa banni ba Makopong kwa Kgalagadi fa puso e batla gore Motswana mongwe le mongwe a nne le kitso.

Tona Batshu o itsisitse banni ka ditirelo tsa lephata la gagwe mme kgang kgolo e a e amileng ke botlhokwa jwa go nna le karata ya Omang fa o le Motswana.

A re Omang ke sesupo se se rurifatsang gore motho ke Motswana, ka jalo a nne le tshono ya go akola ditirelo tsa puso tse di fiwang beng gae di akaretsa dithuto,dithuso tsa botsogo,ditlhopo,ditiro le mananeo a puso.

O ne a tswelela a tlhalosa fa go tlhoka Omang go itsa batho dithuso a fa sekai gore Batswana bangwe ga ba kgone go fiwa mananeo a tokafatso matshelo ke ka moo lehuma le gakalelang pele lentswa puso e leka bojotlhe go thusa Batswana ka mananeo gore ba kgone go ipelega.

Ka mafoko a tona o ne a kopa banni ba Makopong a soga diatla gore fa go nale ba ba senang dikarata tsa bo Omang ba simolole thulaganyo ya go dira dikarata tsa Omang a ba tlhalosetsa fa letlhoko la Omang le ba swala le ba ntsha dijo ganong.

Se sengwe se Tona Batshu o neng a tlhagisa ba Makopong ka sone ke botlhokwa jwa ikwadisetso matsalo le dintsho e e dirwang kwa lephateng la gagwe.

O tlhalositse fa molao motheo wa lefatshe leno o gatelela gore ngwana o o tsholwang mo lefatsheng la Botswana go sa kgathalesege gore batsadi ke beng gae kana batswakwa,o tshwanetse go kwadisiwa matsalo mo sebakeng sa malatsi a masome a marataro ngwana a sena go tlholega.A re go sa nneng jalo ke molato.

Tona o kaile fa se se direlwa go itse palo ya batho e e thusang puso go dira ditogamaano tsa ditlhabololo tse di tla tlhokegang mo isagong,go tlhagolelwa bana ba tsela ya gore ba akole ditlhabololo le ditirelo go sena ba ba tlhaelwang,a ntsha sekai ka gore fa go naale dipalo tsa bana puso e ka itse gore mo isagong go tla tlhokega dikole di le kae mme go heme diemo tse bana ba tlhaelwang ke matlo a borutelo ba tsenela dikole fa tlase ga ditlhare.

Le fa go ntse jalo tona o ngongoregile ka Batswana ba ba kwadisang batswakwa ba ikana fa pele ga magosi gore ke bana kana masika a bone mme go sa nna jalo,a re se ba se dirang ke molato wa go bolelela modirela puso kgang e e seng boammaruri.

Tona o kaile fa lephata la gagwe le kopane le dikgang tsa go tshwana le tse di le mmalwa,mme o ne a kopa banni ba Makopong go ikgapha mo dikgannyeng tsa go tshwana le tse.

Fa a bua ka kwadiso ya dintsho,tona o ne a gatelela fa kwadiso e le botlhokwa fela jaaka ya matsalo,a kaya fa kwadiso ya dintsho e nale karolo e e tlhalosang se se bakileng dintsho ka jalo go ka thusa mo go anamiseng gore dintsho di bakiwa thata ke eng,ebile go ka nna motlhofo go hema dilo tse di bakang dintsho.

Godimo ga moo a re kwadiso dintsho e thusa gore go lemogiwe gore ke letlhakore lefe le tlhokafalang thata le gore go ka thusiwa jang, gape go lemotsha gore ke setlhopa sefe se se amegileng thata mo dintshong ebile matlhoko a kae,le gore fa go tlhokafalang kabo ya madi e fudusetswe teng,o ne a fa sekai ka gore fa e le gore bontsi jwa dintsho ke tsa bagodi go tla bo go reela gore madi a a abelwang tantabala a tshwanelwa ke go fokodiwa go thusiwa kwa letlhoko la madi le leng lentsi.

Mo go tse dingwe,Tona Batshu o ne kgothatsa banni go dira pasa e ntsha a re ba seka ba ledisiwa ke tlhwatlhwa ya P260.00 a re oa itse gore bontsi jwa Batswana ba lela ka tlhwatlha mme tlhwatlha e e kwa tlase fela thata ke monka tsaya tanki fa go tshwantshangwa le madi a mantsintsi a puso e a dirisang go dira pasa e. O ne a tswelela a gakolola banni gore go tlhoka pasa ke gone mo go raelang bangwe go tlola terata,se a reng ke molato ebile go senya kagiso e e rerwang pina ya sechaba,a re go tshwana le go fitlha le go sireletsa batswakwa ba ba tlolelang mo Botswana ba sena teseletso.

Tona Batshu o ne a gatelela kgang e a re batswakwa ba ba tsenang mo lefatsheng ba abo ba roba melao,jaanong Batswana ba ba sireletsang batho ba go nna jalo ba ipotse gore batho ba a go tswelela ba dira melato e e kae,le gore a ga se dilalome tse di ka felelang di senya kagiso e e renang mo lefatsheng leno.

Ntlha e nngwe e tona o neng a e tlhalosetsa morafe wa Makopong ke ka boagedi jwa Botswana,a tlhalosa fa Motswana e le motho yo o tshotsweng mo lefatsheng leno ke Batsadi ba Batswana.

O kaile fa lefatshe leno le sa letlelele boagedi jo bo gabedi kwa ntleng ga fa ngwana a tshotswe ke Motswana le motswakwa mme fa ngwana yo a nna dingwaga tse di masome mabedi le motso o tshwanelwa ke go tlhalosa ka mokwalo gore mo boageding jo bobedi o tlhopa bofe.

Fa ngwana a sa itshupe gore o tsaya bofe boagedi,Tona Batshu a re mo dibukeng o a phimolwa ga a sa tlhole a nna Motswana,ka jalo a gakolola ba ba naleng seemo sa boagedi jo bogabedi le ba ba tla nnang le seemo sa mofuta o, go diragatsa tsamaiso gore ba seka ba iphitlela ba latlhegetswe ke boagedi jwa Botswana ba ne ba bo batlile.

E ntse e le mo go tsa boagedi,tona o itsisitse banni ba Makopong gore fa motswakwa a nyetswe kana a nyetse mo Botswana a batla go tsaya boagedi jwa Botswana o tshwanetse go tsaya baagedi ba nakwana mo Botswana ka teseletso a nna lobaka lwa ngwaga tse tlhano a itshwere sentle,e bo e le gone go ka sekasekwang gore o ka fiwa boagedi,fa go fitlhelwa a sena dilabe o ka bo fiwa.

Le fa go ntse jalo tona o ledile ka batswakwa ba ba jang Batswana ntsoma ba ba nyala e se ka lorato le peloyotlhe mme ba gabile go tsaya boagedi fela ba batla go akola ditirelo tsa Botswana ka batswakwa ba meletsa boagedi jwa Botswana mathe ba re lefatshe le ke la mashi le dinotshe,ka jalo a gakolola banni bogolo jang bomme go tlhalefelela manyalo a batho ba ba tlang ditshono eseng lorato.

Tona o ne a tlhalosetsa batsena phutego e gore bagwebi ba batswakwa ba ba tlang go tsaya boagedi mo Botswana ba tshwanetse go nna dingwaga tse di lesome mo Botswana ka teseletso,mme ebile ba tshwanetse go supa fa kgwebo ya bone e le e pharologano e Batswana ba ka se keng ba e kgone,gape kgwebo e e tshwanetse go sologela Batswana molemo e ba thapa.

Fa a ntsha la gagwe Kgosi Hatshejotlhe Phologo wa Makopong,o ne aleboga tona Batshu ka leeto la gagwe a re ke tona wa ntlha go etela motse wa Makopong kwa ntle ga botona ba e neng e le mapalamente a kgaolo ya Kgalagadi ka jalo o dumela gore tona o buletse botona ba maphata a mangwe go lekola motse wa gagwe.

Le fa go ntse jalo,Kgosi Phologo o ne a lelela mo go tona ka terata ya molelwane e e mo seemong se se sa siamang le sekgwa se se fitlhileng molelwane gore o seka wa bonala.

O ne a gatelela fa sekgwa se se thatafaletsa basepodisi,sesole le ba lephata la tsa mesepele le dipasa(immigration) go tlhokomela molelwana ba etse seemo tlhoko(patrol,ebile gape sekgwa se ke fa dirukutlhi tsa molelwane di iphitlang teng bogolo jang magodu a leruo.

Godimo ga moo Kgosi o kaile fa sekgwa se se tlhofofaletsa magodu go tlodisa dithoto,ka jalo Kgosi o ne a kopa gore banni ba metse e molelwane o fetang go bapa le yone ya Draaihoek,Makopong le Werda ba thapiwe ka lenaneo la Ipelegeng ba tlhagole sekgwa se se mo molelwaneng go hema borukutlhi jwa molelwane.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Makopong rre Meshack Ntau,o ne a ngongorega ka seemo sa tsela e e yang kwa diofising tsa mesepele(Boarder post) a re e mahuti ka jalo e baya ba dikoloi mo diphatseng,a kpa gore tsela e e baakangwe go kganela dikotsi tsa dikoloi. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Johannah Martin

Location : MAKOPONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Jun 2015