SOS e tlhaelelwa ke madi
03 Apr 2013
Seemo sa kwelo tlase ya itsholelo se pateleditse legae la bana la SOS go tswala sekole sa bananyana ka ntlha ya go tlhoka madi a a se tsamaisang.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa SOS, Rre Molefe Madikwe, fa a amogela baeng ba ba neng ba tsile go itumedisa bana ba motse o, ka letsatsi la tsogo ya Morena.
Motse oo, o na le bana ba feta makgolo a mabedi, mme ba tsena dikole tsa puso. Rre Madikwe a re maikaelelo a bone ke go tlhokomela bana go fitlhela ba kgona go ikemela ka nosi.
O tlhalositse fa ba alositse bana ba ba setseng ba bereka, mme ba ba sa kgonang dithuto ba batlelwa diphatlha mo dikoleng tsa ithutelo ditiro. A re bana ba, ba na le batsadi ba ba ba tlhokomelang, le fa ba sa tsoga ba robadiwa le bone kwa dikokelong.
O ikuetse mo Batswaneng le mo dikhamphaning tse di ikemetseng ka nosi go ba tswa thuso, gore ba tle ba kgone maikaelelo a bone. Rre Madikwe o lebogetse ba lebentlele le Spar go tsenya letsogo go ba thusa, a bo a ikuela mo go botlhe ba ba nang le bokgoni go ba thusa.
Mogolwane wa lebentlele leo, Rre Bobby Rushford, o ne a bolela fa ba rotloetsa SOS ka ntlha ya gore ba bona tiro e ntle e ba e dirang.
Rre Rushford a re ba rata go thusa batho ba ba dirang tiro e e tsisang pharologanyo mo bathong.
Mongwe wa barulaganyi ba letsatsi leo, Rre Fanilo Chidoda, wa Royal Business Magazine, o boletse fa ba ne ba kopantse boradikgwebo ka go farologana, gore bo thuse gore letsatsi le le atlege.
Rre Chidoda a re ba ikaelela go thusa SOS ka dithuso tsa go baakanya fale le fale fa go senyegile, le go ba kopela dithuso mo dikhamphaning tse dingwe.
Letsatsi le atlegile ka ntlha ya thuso ya dikhamphani tsa GSSMI, Motor Centre, KBL le lebentlele la Spar. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TLOKWENG
Event : Phuthego
Date : 03 Apr 2013






