Ba ipaakanyeditse Re A Nyalana
25 May 2015
Borre le bomme ba motse wa Mosojane ba ba ntseng ba nna mmogo ba sa nyalana ba letile ka matlho a mahibidu letsatsi le ka lone ba tlaa kopanngwang mo nyalong e e boitshepo ka thulaganyo ya mokgatlho wa Re A Nyalana.
Mo potsolotsong bosheng, ba supile fa ba sale ba eleditse go ipona ba nyalane ka fa molaong, mme ka jalo e le boitumelo jo bogolo go bo thulaganyo ya go ba nyadisa e gorogile mo motseng wa bone.
Mongwe wa bone, Rre Elias Mafa, yo o saleng a ntse le Mme Sylvia Elias dingwaga tse di masome a mararo le bosupa tse di fetileng ba sa nyalana, o boletse fa thulaganyo ya Re A Nyalana e ba tlile matshidiso ka keletso ya dipelo tsa bone e ba ntseng ba retelelwa ke go e diragatsa jaanong e tlaa fetoga boammaaruri.
Rre Mafa, yo o dingwaga tse di masome a matlhano le bosupa a re go bo a sa nyala go ntse go sa mo tshidise sentle, segolo jang fa a ne a iphitlhela a tseneletse merero le borre ba ba nyetseng.
A re o itumetse thata gore jaanong ditlhong tse di ntseng di aparetse botshelo jwa gagwe di tla seke di tlhola di nna teng ka jaanong e tlaare morago ga go tsena mo nyalong, le ene a nne le seriti se borre ba ba nyetseng ba nang le sone.
Molekane wa gagwe Mme Elias, le ene o ne a supa boitumelo fa jaanong le ene a tlaa fetoga motho yo o tshwanelwang ke tlotlo mo setshabeng.
O tlhalositse fa a sale a eleditse go ipona a nyetswe ka fa molaong, a kaya fa go itumedisa gore e re morago ga dingwaga tse di kana a nna le Rre Mafa, ba bo jaanong ba bone sebaka sa go ka nyalana.
Bobedi jo bongwe, ba le bone ba ikwadiseditseng go tla go nyadisiwa, Rre Robson Moalosi le Mme Simangaliso Moalosi, le bone ba neseditse pula go tla ga manyalo a Re A Nyalana kwa motseng wa gaabo.
Rre Moalosi a re ba sale ba eleditse go nyalana mme letlhoko la madi la ba ema pele le fa bone ba nyalane ka fa Setswaneng.
Rre Moalosi, yo a saleng a nnile le mosadi wa gagwe go tloga ka ngwaga wa 1989, a re keletso ya bone dingwaga tse tsotlhe e ntse e le go bona ba nyadisitswe ke molaodi.
A re o dumela fa botshelo jwa bone bo tlaa fetoga thata morago ga go nyalana ga bone, a supa fa go na le dilo di le dintsi mo botshelong tse di tlhokang gore motho a bo a tshotse setlankana sa lenyalo.
Mme Moalosi o ne a supa fa bomme, segolo bogolo ba iphitlhela ba lebanwe ke dikgwetlho fa go sena sesupo sepe se se supang fa ba nyetswe ka fa molaong, a re o solofela fa jaanong le ene e tlaa re morago ga go nyalana ga bone a tlaa iphitlhela a tshela ka phuthologo ka go itse fa molao o mo sireleditse.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba bone ba iseng ba ikwadisetse go tsenelela thulaganyo ya Re A Nyalana ba ne ba ntsha mabaka a a farologanyeng a a ba emeng pele.
Mme Georginah Mafa, yo o dingwaga tse di masome a matlhano le boferabongwe o ne a supa fa kgwetlho e e ba lebaneng e le go bo molekane wa gagwe Rre Molatlhegi Seitei a sena karata ya Omang.
O ne a supa gape fa a ise a buisanye le bana ba gagwe go utlwa maikutlo a bone ka keletso ya gagwe le go nyalana le Rre Seitei.
Fa a tswa la gagwe, Rre Seitei, yo o dingwaga di masome a marataro le boraro, o ne a bolela fa a batla go tsena mo nyalong le Mme Mafa ka ba ntse mmogo ka lobaka.
A re ba sale ba nnile mmogo go tloga ka ngwaga wa 1998, mme tota se se maleba e le gone fela go re ba tsene mo nyalong.
Ka go tlhoka karata ya Omang ga gagwe, Rre Seitei, yo o boletseng fa a tlholega kwa motseng wa Mochudi ko Kgatleng, o ne a tlhalosa fa a sale a dule kwa gaabo a le mosimanyana wa dingwaga tse some, mme a se kile a boela gae gape.
A re ka ntlha ya se, ga go ope yo o ka mo supelang gore a kgone go dira karata ya Omang mme a re ka go le dingwaga-ngwaga a sale a dule kwa gaabo, ga a na tsholofelo ya gore go santse go na le ope wa gaabo mo botshelong yo o mo itseng go ka mo supela go dira karata ya Omang.
O ne a supa fa le ene tota a sa tlhole a gakologelwa le kwa lelwapa la gaabo le leng teng kwa Mochudi.
Mme Elizabeth Julius, yo o dingwaga tse di masome a marataro le bobedi, yo ene a tshelang le Rre Julius Emmanuel, le ene o ne a supa fa selelo sa pelo ya gagwe e le go ipona a tsene mo nyalong e e boitshepo.
Mme Julius a re o ntse dingwaga tse tsotlhe a meletsa mathe bomme ba ba nyetsweng ka go bona fa bone ba na le seriti ka ntlha ya go bo ba ne ba nna sego go ka nyalwa ka fa molaong.
A re ene le monnamogolo wa gagwe ba sale ba eleditse go nyalana mme ba sa kgone ka ntlha ya letlhoko la madi, mme a supa fa ba ka batla nako ya go ya go ikwadisa gore ba tle ba seka ba tlolwa ke sebaka sa go tsenelela manyalo a thulaganyo ya Re A Nyalana.
Fa a bua mabapi le ipaakanyetso manyalo a Re A Nyalana, Kgosi Sibangani Mosojane wa motse wa Mosojane o ne a tlhalosa fa go na le batho ba le bantsi mo motseng wa gagwe ba ba nnang mmogo mme ba sa nyalana.
Me o ne a supa fa ba dira ka thata go rotloetsa batho ba go nna jalo go tla go ikwadisetsa go tshwaraganngwa mo nyalong.
O ne a kaya fa a setse a tshwere diphuthego di le mmalwa tsa kgotla a tshwaraganye le ba ofisi ya ga molaodi go tlhalosetsa morafe ka thulaganyo eo ya Re A Nyalana.
A re e tlaare mo nakong e e seng kgakala, a tshware diphuthego mo dikgotlaneng tsotlhe tsa motse wa Mosojane.
Kgosi a re se e tlaabo e le tsela nngwe ya go tlhomamisa gore ga go nne le ope yo o tlolwang ke molaetsa ka tiro ya go nyadisa e e tlaa bong e le mo motseng oo ka kgwedi ya Phukwi monongwaga.
Fa a tshwaela ka botlhokwa jwa lenyalo, Kgosi Mosojane o ne bolela fa gantsi go tlhagoga dikgang tse di marara fa mongwe wa batho ba ba ntseng ba nna mmogo ntle le lenyalo a ka tlhokafala.
A re gantsi ba masika, segolo jang a ga rre, ba ikgagapelela dithoto tsa moswi, mme mosadi le bana ba sale ba tshelela mo tshotlegong e e ngomolang pelo.
Gape a re bone e le dikgosi ga gona ka fa ba ka agisanyanang batho ba ba tshelang mmogo ba sa nyalana ka teng, ka go sena molao ope o o ba fang dithata tsa go dira jalo.
O kaile ha selo se se ka kgarameletsa batho ba go nna jalo mo go tseyeng ditshwetso tse di maswe di tshwana le go bolaana fa ba na le mathata ka ba kgona go akanya fa go sena kwa ba ka bonang thuso teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Mosojane
Event : Potsolotso
Date : 25 May 2015






