Breaking News

Vissagie Mogaka wa botsogo jwa bana

18 May 2015

Fa o feta ka jarata ya ga Mme Sophia Vissagie mo kgotlaneng ya Borakanelo mo Tsabong,o bona bommabana ba fodile,selelo sa bana le sone o se utlwa o sale kgakala,mme o felele o ipotse gore a go nale kokelo ya bana mo motseng.

Selelo se se ne sa gogela mmega dikgang wa BOPA Johannah Martin mo lelwapeng la ga mma Vissagie.

E rile go gorogeng game ke ne ka kgatlhantsiwa ke go bona bomma bana ba ntse fatshe ba bange ba fetafeta mo jarateng mme ka ipotsa gore a go nale kokelo e e itebagantseng le bana kana go nale moletlo a bana.

Kamogelo e ne e le e e itumedisang mme ka kopa go bona beng ba lwapa, go ne ga bidiwa mosadimogolo yo o neng a ema fa kgorong a ntumedisa ka lorato mo ke neng ka utlwa pelo yame e tlala ka boitumelo mme mosadimogolo o ne a nkgoba marapo fa a ntlhobosetsa gore a kgona go mpona fela fa a feditse le moratshana a raya bana.

E re lentswa palo ya bana e ne e le kwa godimo ke ne ka nna pelotelele ka leta. Fa ke ntse ke letile ke ne ke bona bana ba lwala malwetse a a farologanang, difatlhego tsa bommabone le tsone di ama keledi e le thata le go kganelesega.

Sengwe se ke neng ka se ela tlhoko ke gore fa bommabana ba tswa mo teng ga ntlwana monyenyo o ikadile mo difatlhegong tsa bone gape bana le bone ga ba sa tlhole ba lela ba tswa ba robetse mme ke ne ka ipotsa gore se se fetolang bommabana le masea a bone mo ntlwaneng ke eng.

Fa oura tse tharo di wela ke fa go setse bommabana ba le babedi mme ka itumela ka di ne di setse di gwaile ke itse gore ga go a sala sebaka se se kalo gore ke tshware logaba. Mme ke ne ka swaba ka bo ka kgobega marapo fa bommabana ba bangwe ba goroga mme mosadimogolo a ntsha taelo ya gore ke ba fe sebaka sa go tsena pele game le fa ba mphitlela.

Ke ne ka inela, mme mo letsatsing le ka bona dikgakgamatso tse ke iseng ke di bone mo botshelong jwame,e ne ele lantlha ke kgona go itshokela ramatheka ebile gape e ne e le lantlha ke kgona go akanya le go nna botlhale jaaka kgosi Solomone le fa lela lame lelela boatleng ke tlala.

Ka le letsatsi le ke ne ka tlela ke kakanyo e e botlhalenyana gore go raya gore bana ke konokono ba tla pele mo go mme Vissagie.Ammaruri fa a sena go fetsa le bana a mpha sebaka o ne a ntlhalosetsa fa bana ba tla pele mo go ene.

Mme Vissagie o ne a ntlhalosetsa fa a tlooditswe ke Modimo go thusa go alafa bana mme ebile o nale dingwaga tse di masome a fera bobedi le botlhano (85) a dira tiro. O ne a tlhalosa fa a alafa bana ka go ba sidila, go ba fa molemo o o itsegeng ka leina la mokumiso le go ba direla setlolo se gopang botlhoko se a se bitsang poleisetere.

Malwetse a bana a bana a mme Vissagie a alafang o kaile fa ele phefo e a e bitsang skelem siek, go ela ga phogwana ya ngwana, seleimi,setshwabo le diphachane.

Fa a tlhalosa bolwetsi jwa skelem siek a re ke jo bontsi jwa bana ba tlholegang ka jone a re ka logata lwa tlhogo ya ngwana le abo le ise le nonofe thata gape le ise le kopane thata kgonalesego ya gore phefo e tsene ngwana e ikale ka mmele otlhe e kwa godimo.

O ne a kaya fa bolwetsi jo bo ka baka gore magetla a ngwana a gagamale gape phefo e e ka mo bipetsa ya mo kgama, mme o ne a tlhalosa fa mo go ene bolwetsi jo ese seopisa tlhogo a tlhalosa fa a sidila ngwana ka molora a sunlight o o dirisiwang go tlhapa ka o mo thusa go sidila menana e sa relele lefela mme e tsenela ko teng e bofolola se se tshwaregileng.

Morago ga tshidilo a re o fa ngana mokomiso o o tsakantseng ka medi e e farologaneng.

Bolwetsi jo bongwe jo ngaka ya bana a bo alafang ke go wela ga phogwana ya ngwana a re bo kgona go bakia ke phefo le fa ngwana a tlodisiwa metlhala e e sa siamang jaaka a bomme ba ba senyegetsweng le batlholagadi.

O ne a tlhalosa fa go kopaneng le metlhala ya ba ba latlhegetsweng ba santse ba le mo kutlobotlhokong go ledisa ngwana thata ka mowa wa gagwe oa bo o kopane le moa o o botlhoko mme le one o tlhokofale gape a bo ka opisa ngwana tlhogo.

Kalafi e mme Vissagie a e dirisetsang bolwetsi jo ke poleisitere e e thusang gore logata lwa tlhogo ya ngwana lo kitlane lo boele manong gape e goga botlhoko jo bo ka fa teng ga tlhogo bo bo ntshetsa kwa ntle.

Setshabo a re se bakiwa ke fa lerapo le le fa setshwabong le sutetse ko tlase mme go paledise ngwana go ja sentle, gape go nna go le botlhoko. Kalafi e mme Vissagie a kaileng a dirisetsa setshwabo ke go sidila ngwana a tsholetsa leratsana a le baya mo mannong a lone a a tshwanetseng.

Diphachane ke bolwetsi jo bongwe jo mme Vissagie a ipitsang kwankwetla ya kalafi ya teng. Fa a tlhalosa diphachane are ke boletsi jo bo bakiwang thata ke fa ngwana a anya mongwe wa batsadi ba bana a kopana le motho o sele mo dikobong a bo a tla tshwara ngwana ka diatla tse Vissagie a reng di abo di le molelo.

A re bo borai fela thata fa mmangwana a kopanela dikobo le rre yo eseng rrangwana.

Go ya ka moitsanape wa botsogo jwa bana,a re dikai tsa diphachane ke go sa tia ga ditokololo tsa ngwana,dinama tsa ngwana di nna metsi ga di gagamale,ngwana a diphachane o nna tlhogo moimele fa bankanaagwe ba kua ba re folaemachine ba bona sefofane mo loaping ene are khine a bo a itagana ka sekota fa fatshe.

Kalafi ya bolwetsi,Vissagie o tlhalosa fa e le mokumiso. Nngwe ya dikalafi tse a di dirisang ke sebaga sa molala se se nang le kgetsi e e nang le metswako e e farologaneng e e thibelang malwetse a bana le gore bana ba seka ba sirega kana ba okamiwa ke meriti le metlhala e e sa siamang.

Fa ke mmotsa ka tshimologo ya gagwe ya gore a alafe bana,mosadimogolo ouma Sophia jaaka bommabana ba mmitsa o ne a tlhalosa fa a simolotse a nale dingwaga di roba bongwe ke fa mmagwe a tshola mongwe wa bomonnnawe mo nageng go sena ope ka jalo a tshwanelwa ke go thusa ka go kgaola mohubu a ngwana a ba a o alafa kamolora wa leiso abo athusa mmage a mo sidila.

A re tiro e o ne a e dira ka ketelopele ya mowa o o boitshepo mme ga atlega monnawe a tshela a gola sentle.

Morago ga tiragalo e,mme Vissagie a re o ne a leka go itlhokomolosa pitso e Modimo a e mmiditseng ya go alafa bana mme a tlhorontsega a tlhoka kagiso le boroko mme a araba pitso e a dira tiro neo le yone e ne ya gola.

O kaile fa lorato lwa gagwe mo tirong e le ne la gola ka o ne a bona gore o babalela botshelo jwa bubusi le baeteledipele ba isago.Go ya ka mosadimogolo le fa ngwana a tla a gateletswe ga a tshoge ka go nne oa bo a nale tumelo le tshepo mo Modimong gape o dumela gore maatla a Modimo a bo a tsere taolo a re se ke sone se se fang bommabana tumelo le tsholofelo mme pheletsong bana ba fole.

O ne a nyalwa a ya go nna kwa polasing ya gagwe e e bidiwang Welverdien gaufi le Rappelspan ka nako ya teng go ne go ise go nne le dikontere le ditlhaeletsano mme batho ba ne ba goroga ba le bantsi ba akaretsa bana le bomme ba ba itsholofetseng ka ka nako ya teng o ne a santse a itekanetse a alafa bana ba santse ba le mo dibopelong tsa bommabaone.

Setlankana sa ga mme Vissagie sa go thusa bodiredi ja botsogo ka kalafi ya malwetse a mangwe ke sesupo sa gore mme yo ke mogaka,ammaruri ke motlodiwa wa tsa botsogo.

Mme yo o kaile fa ba botsogo kwa Bokspits ba ne ba mo dirisa fela thata go alafa malwetse a bana le mathata a boimana gongwe ngwana a sa nna sentle kana lela la mohubu le itshopile ka ngwana o ne a le tshopolola a bo a baya ngwana mo maemong a a tshwanetseng ka go mo sidila.

A re ka ngwaga wa 1999 o ne a fudugela mo Tsabong mme a akanya fa tiro e tla fokotsega ka o ne a setse a itapetse botsofe bo sa mo ntshetse mme ka maswabi go ne ga nna le koketsego.

Mma Vissagie yo o dingwaga di masome a robang bongwe le bone o tlhalositse fa bogodi bo mo paledisa go sidila ka jalo mo bogompienong a sidla masea le bana ba ba ka tlase ka dingaga tse supa ka ba sena dilabe tse di kalo.

Le fa go ntse jalo mosidili yo a re go mo ama tota fa a sa kgone go thusa balwetsi mme a itse kalafi,a tlhalosa fa pelo e batla mme mmele one o palelwa,are mme legale bange ba nale tumelo ya gore o tlooditswe ke Modimo mme fa ba mo fitlhela a gateletswe mo diphateng ba baya bana fa thoko ga gagwe ba dumela gore moriti wa gagwe o ka fodisa bana fela jaaka wa ga Petoro mo Baebeleng mme ba fe bopaki. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Johannah Martin

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 18 May 2015