Kgosi o kgala go bimpa mpa ka mabele
18 May 2015
Kgosi wa Semboyo mo kgaolong ya Nhabe a re ba tshwenngwa thata ke seemo sa borukutlhi se se golelang pele mo kgaolong eo, mme e bile go supega fa botsadi bongwe bo santse bo bipa mpa ka mabele.
Kgosi Rre Bogaisang Lelatlhego o buile jalo kwa thuto puisanong e e neng e tshwerwe kwa motsaneng wa Maila ke ba sepodise le maloko a motse wa Semboyo ya go bona gore borukutlhi jo bo mo kgaolong eo ba ka bo lwantsha ka tsela e e ntseng jang.
A re motsana wa Maila o tshotse borukutlhi jotlhe fela jo motho a ka bo gopolang, a re bane ba thulanya ditlhogo mme ba bona gore thuto ke yone konokono e e kareng le morago ga yone batho ba supa gore a ba ne ba e tlhoka kana ba dira ka maikaelelo.
O tsweletse a re borukutlhi ke lefoko le le akaretsang tsotlhe tse di bosula mme a re jwa leruo jone ke kgaolo yotlhe ya Ngami, mme a re se se botlhoko ke gore ga ba tshwarwe gore ba ba setseng ba nne le Poifo.
Kgosi Lelatlhego a re o itumelela fela gore dingwaga tsa dikatlholo tsa badira melato, segolo jang ya bogodu jwa leruo di okeditswe go tswa mo go botlhano go ya kwa go bosupa.
A re batho ba tshwanetse go tshwarwa gore leruo le sale le nna le nako ya go tsala, a re mme tumelo ya gagwe ke gore fa metse yotlhe e ka ema ka dinao mongwe le mongwe a nna Lepodisi, gongwe seemo se ka tokafala.
Kgosi Rodgers Marumo, yo ebileng e le mookamedi wa di cluster mo kgaolong a re puso e tshwenyegile thata ka borukutlhi mme ya dira lenaneo la di cluster go lwantsha borukutlhi.
O ne a tlatsa ka gore pele gone go dirisiwa twantsho borukutlhi mme ka gone go bonala fa maduo a yone a le kwa tlase, ga simolodisiwa lone le lesha leo.
A re bo Kgosi jaaka baeteledipele ba merafe, ke bone barwadi ba kgomo e tshwana, a tlatsa ka gore mme ka dinako dingwe dikgosi di ikgatholosa go tsaya dikgato tse di maleba ka dikgang tsa go nna jalo.
O tsweletse a re maikaelelo a dikomiti tsa bone ke go baya leitlho nako le nako, le go baya seemo leitlho le gone go phatlalatsa kitso ka borukutlhi.
Kgosi Marumo o ne a tlhalosa fa ele tiro ya Motswana mongwe le mongwe go keleka le go tlhabolola mananeo, a tlatsa ka gore kana bogodu bo a farologana.
O tsweletse a re borukutlhi bo kgona go simolola mo lwapeng mme ere bana ba tla ba utswile, mogolo a itumele a re ngwana o botlhale ebile o itse go bapala, mme a ba rotloetsa go ithuta go tsena mo malwapeng ba leba tsone dilo tsa go nna jaana.
Sergeant Jacob Hendly wa sepodise sa Botswana a re go lwantsha borukutlhi ke kgomo ya moshate, mme fa motho a sa dumalane le go tsenya letsogo mo tirong eo, ke gore le ene ke serukutlhi.
O bile a re borukutlhi jwa leruo gantsi bo rotloediwa ke beng ba dikgomo ka go baya badisa kwa merakeng ba bo ba sa ba tlhole.
A re ke yone nako e modisa a nnang le nako ya tsenya dikgomo tsa bogodu mo sakeng le gone go tsaya dinamane tsa bogodu a di tsenya mo sakeng.
O bile a tlhagisa gape ka ditshipi tsa dikgomo tse di bewang le badisa a re go dira jalo ke go itlhaba ka thipa mpeng.
Mme o tsweletse a re tshipi fela jaaka tlhobolo, ga di kgaogane gope le mong wa tsone, a re modisa o tlaa tshuba dikgomo tsa batho, a hula dikgomo tsa batho a rekisetsa ba ba rekisang dinama ka tlhobolo e e seng ya gagwe a bona le sone se baka sa go bolaya ba bangwe, le go ne go thuba mabenkele a utswa ka dikgoka.
O kgothaditse beng ba meraka go nna le dibuka tse ba kwalang leruo la bone, palo ya lone le gore fa ba rekisitse kgomo, ba kwale gore ba rekisitse leng kae, a tlhalosa fa magodu a le botlhale thata e bile ba itse go ipuelela.
Sergeant Hendly o rotloeditse barui go epa didiba, a re dikgomo tse di nwang mo megobeng le tsone di rotloetsa borukutlhi thata ka di kgona go tsamaya gongwe le gongwe fa di setse di batla metsi ka nako ya fa megobe e kgadile, mme a re ke yone nako e magodu ba di tshwarang mme ba ditseye. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Thuto-puisano
Date : 18 May 2015






