Banana ba rotloediwa go inaakanya le BOCODOL
01 Apr 2013
E re ka puso e ipeetse seelo sa gore e re ka 2016 tshaba ya lefatshe leno e bo e rutegile ebile e na le boikarabelo, ba lekalana la BOCODOL le bone ba eme malala a laotswe gore toro e e atlege.
E rile mogolwane wa BOCODOL, Mme Maungo Keotshole a bua ka letsatsi la banana kwa Kaudwane mo kgaolong ya Letlhakeng botlhaba, a tlhalosa fa ba tlaa baya dibuka dingwe mo motlobong wa motse oo gore banana ba ne ba di adima ba itshidila tlhaloganyo ka go bala le go anya kitso.
O tlhalositse fa ba tsweletse ka go isa ditlamelo kwa bathong gore ba kgone go itse ka tsamaiso ya sekole sa bone gore ba tsweledise dithuto, bogolo jang fa ba ne ba sa dira sentle mo ditlhatlhobong.
A re sekole sa bone se godile mo e leng gore mo bogaufing se tlaa bo e le university e sa tlhole e le college jaaka se tlwaelesegile.
Mme Keotshole o gakolotse banana ba motse oo go inaakanya le sekole sa bone fa ba batla go boelela go kwala dithuto tse ba sa dirang sentle mo go tsone.
O ba tlhaloseditse gore ba ka ikwadisa kwa Botswana Examination Council gore ba kgone ba nne le bokamoso jo bo eletsegang ka gonne botshelo jwa malatsi ano bo tlhoka gore motho a bo a rutegile.
O kaile fa sekole sa bone se kgona go ruta go simolola ka dithuto tsa certificate go ya go tsa degree ga mmogo le tsone tsa dikole tse dipotlana.
E rile a akgela, kgosi Tsholo Segwaba wa Kaudwane a iteela ba BOCODOL legofi go bo ba bonye go le botlhokwa go tla go ruta batho ba motse wa gagwe ka mananeo a bone.
A re banana ba motse wa gagwe ba ntse ba tlhaela kitso ka ditirelo tsa BOCODOL ka ba le kgakala le ditlamelo. O gwetlhile banana go tsaya dikgakololo tse ba neng ba di neelwa ka e le bontlha bongwe jwa go intsha mo lehumeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : Kaudwane
Event : Letsatsi La Banana
Date : 01 Apr 2013






