Kobang o itshetsa ka tiro ya diatla
01 Apr 2013
Mogwebi wa Palapye, Rre Jopa Kobang o itshetsa ka botswerere jwa gagwe ka a lemogile fa tiro ya diatla e le mosola.
Mo potsolosong, Rre Kobang yo o tlholegang kwa Mochudi, a re ga go na botshelo fa motho a nna fela a sa itirele sepe ka go ka rotloetsa borukutlhi.
Rre Kobang ke mogwebi wa mabante, ditomo, le dijokwe tsa ditonki, dikgomo le dipitse.
A re kgwebo ya gagwe e thusa thata barui ba ditonki ka a lemogile fa dikgomo di sa tlhole di lema, a tlatsa ka gore mmaraka wa kgwebo e, o bonwa gongwe le gongwe.
O boletse fa a amogela batho ba le bantsi ba ba kgatlhwang ke tiro ya gagwe mo go dirang gore a felele a nna le bareki ka dipalo tse di nametsang.
A re le fa Palapye e le motse setoropo, o bona bareki ka go na le masimo gaufi.
A re gore a kgone go amogele bareki ka dipalo tse di kwa godimo o dira dithoto tsa boleng ebile di le dintle mo di gapang matlho a bareki. O ne a tlhalosa fa dipoelo tsa kgwebo di mo thusa go reka didirisiwa gore kgwebo e kgone go tswelela le go tshetsa bana ba gagwe.
O ne a supa fa kgwebo e a e dira ka bopelotelele ka e bile a patelesega go di dira ka diatla jaanong go mo tsaya nako.
Le fa go ntse jalo, a re bonya ga bo mo kgobe marapo ka a itse fa dipoelo di nna teng morago ga thekiso.
O ne a re ene o dumela gore motho o kgona go nna le kgwebo mme go na le se a se dirang gape mo botshelong jaaka ene e le molemi-morui kwa masimong a Fole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Metlha Mothogaesi
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 01 Apr 2013






