Bagodi ba abelwa diromamowa
01 Apr 2013
Ba ofisi ya ditogamaano tsa setshaba (National Strategic Office) erile bosheng ba abela bagodi ba Sekoma diromamowa di le masome marataro.
Erile mothusa mookamedi wa ofisi eo, Rre Lewis Malikongwa a bua kwa moletlong wa go aba dimpho, a re ofisi ya gagwe e lemogile fa melaetsa ya mananeo a puso e anamisiwa mo seromamoweng le mo dipampiring tsa dikgang.
A re ka jalo ba bona go tshwanela gore ba rekele bagodi diromamowa gore ba kgone go tsaya melaetsa ya mananeo a puso ka botlalo ba seka ba fetwa ke sepe.
A re diromamowa tseo gape di tlaa ntsha bagodi bodutu ka gantsi ba tlhola ba le nosi bana ba ile dikoleng le ditirong.
A re e re ka jaana ba tlhophile bagodi ba ba amogelang madi a bagodi ebile ba thusiwa ke khansele ka dijo, tsholofelo ke gore ba tlaa kgona go ithekela malatlha fa a fedile.
Rre Malikongwa o rotloeditse bagodi bao gore ba seka ba rekisa diromamowa tseo le fa go ka nna thata ka jaana e le tsone bommata ba bone.
Erile a afa malebo, mokhanselara wa kgaolwana ya Sekoma, Rre Makalare Ngomme a iteela mpho eo legofi a re diromamowa tseo ka nnete di tlaa ntsha bagodi bodutu.
A re segolo bogolo o lebogela ba ofisi ya ditogamaano tsa setshaba gore ba bo ba bone go tshwanela gore ba tle go abela batho ba Sekoma le mororo metse ya Botswana e feta ’thapo tsa loselo.
A re se ba se dirileng se a itumedisa ka jaana go le gantsi motse wa bone o tlodisiwa matlho fa go ajwa dithuso tse di farologaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Kabo Dimpho
Date : 01 Apr 2013






