Ditlhopha tsa thotloetso di tla thusa baithuti
01 Apr 2013
Mo maitekong a go tsholetsa seemo sa thuto kwa Lobatse, go tlhamilwe ditlhopha tse di tlaa neng di etela dikole go fa baithuti le barutabana thotloetso le go ba lekola.
Mmatoropo wa Lobatse, Mme Caroline Lesang a re ba tsere kgato e morago ga go lemoga gore maduo a ditlhatlhobo tsa bana ba dikole a wetse tlase mo dikoleng ka bontsi.
O ne a bua le kokoano ya khansele ya toropo ya Lobatse bosheng, a re moono le maikaelelo a bone ke go rotloetsa baithuti le barutabana.
O boletse gore ba lemogile kwelo tlase ya maduo a bana ba lekwalo la bosupa, a tlhalosa fa kgaolo e dikile e bone maduo a 61.8 per cent.
A re dikole dingwe di supa tsa Lobatse di ne tsa bona maduo a 50 per cent go ya kwa godimo fa di le nne di bone a a kwa tlase ga foo.
Mmatoropo a re ba tsweletse ka go dirisa lenaneo la Adopt-a-School mo kgaolong go tlhabolola dikole mme a tlhalosa fa bontsi jwa makhanselara ba le rotloetsa fela thata.
O tsweletse a re lephata la thuto le ne la simolola lenaneo la Back-to-School ngogola mme a tlhalosa fa go thusitse bana bangwe ba Lobatse, a tlatsa ka gore ba le batlhano ba amogetswe kwa sekoleng se segolwane sa Lobatse.
Mmatoropo a re bangwe ba tsena kwa dikoleng tse di potlana tsa St Theresa le Newlook, a re dikole tseo di tsere baithuti ba le babedi sengwe le sengwe.
Fa a bua ka lenaneo la Ipelegeng, Mmatoropo o boletse fa lenaneo leo le ya bokhutlong Moranang a fela. A re ba lenaneo la Ipelegeng ba kgonne go dira ditiro di le masome matlhano le bone mo go tse di masome marataro le bobedi tse di neng di tshwanetse go dirwa.
A re tse dingwe gotlhelele ga ba a di kgona jaaka kwa sekoleng se segolwane sa Lobatse tse di amanang le motlakase gammogo le diofisi tsa pele tsa ga molaodi.
E rile a bua ka tsa botsogo a re ba mo dipaakanyong tsa go isa ditirelo dingwe tse di mo kokelong ya Athlone kwa dikokelwaneng go fokoletsa kokelo eo morwalo le gone go itsa tiego ya go thusa balwetse.
O tsweletse a re mo lenaneong la nyeletso lehuma batho ba le 39 ba ne ba isiwa dithutong ngogola ka Morule go ya go ithuta ka mananeo a ba batlang go itshetsa ka one.
A re ba le batlhano ba setse ba thusitswe go dira masingwana a morogo le go lema ditlhare mme ba ne ba rutuntshiwa kwa sekoleng sa temo-thuo kwa Sebele.
Le fa go ntse jalo, Mmatoropo a re ba ba tseneng mo mananeong a go itshetsa ba lebanwe ke dikgwetlho tse di tshwanang le go tlhoka fa ba direlang teng, mme ba felela ba hirisa mafelo a a turang.
O ne a bega gape gore mo nyeletsong lehuma e e neng e tshwerwe kwa Dikhukhung ngogola, ba ne ba kgona go isa ba-na-le bogole ba roba bongwe, a kaya kgato eno e le phitlhelelo e kgolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : LOBATSE
Event : Kokoano Ya Khansele
Date : 01 Apr 2013






