Ba kgatlhanong le leina le lesha la kgaolo
01 Apr 2013
Batho ba kgaolo ya Tswapong Borwa ba re ga ba itumelele tshwetso e e tserweng ya go fetola leina la kgaolo ya bone go nna Sefhare/Ramokgonami ba sa rerisiwa.
Ba buile jalo mo diphuthegong tsa dikgotla mo metseng ya bone di tsentswe ke komiti e e sekasekang kgaoganyo ya melelwane ya botlhophi ya bokhanselara bosheng.
Ba re leina le lesha le rotloetsa dikgogakgogano le lenyatso mo metseng e mengwe.
Rre Seduke Letsatsi wa Ramokgonami a re phetogo e ya leina e ba gakgamaditse fela thata go nne ga ba itse gore le ne le fetolwa go lebilwe eng.
A re le ka nako ya fa lekoko le le neng le sega melelwane ya dikgaolo tsa bopalamente le tshwere phuthego kwa Sefhare ngwaga o o fetileng, le ne la bua fela ka go oketsa kgaolo mme ga le aka la bua sepe ka leina la kgaolo.
A re leina la Tswapong Borwa le siame thata ka le supa kakaretso mo morafeng, a tlatsa ka gore ga go ope yo o kileng a supa fa a na le ngongora ya gore le a mo tlhaola.
Rre Kesitegile Gobotswang wa Sefhare a re ga ba amogele leina le lesha ka gore le ka senya maiteko otlhe a tekatekanyo ya semorafe.
A re leina la Sefhare/Ramokgonami le rotloetsa kgetlhololo mo go babangwe ba metse ya bone e sa bidiweng mo leineng mme ba tswa mo kgaolong.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti eo Mme Bontle Marumola o boletse gore ka tshwanelo lekoko le le neng le tlhomilwe go sega melelwane ya dikgaolo tsa bopalamentele le tshwanetse la bo le ne le kile la dumalana le morafe ka kgang ya phetolo ya maina a dikgaolo.
Mme Marumola a re tshwetso e, e tserwe go lebilwe gore Batswana ka kakaretso ba ne ba ngongorega thata ba re dikgaolo tse di bidiwang ka merafe di rotloetsa kgethololo mo merafeng e mengwe ka gore ga se gore batho botlhe ba ba fitlhelwang mo kgaolong e e rileng ke ba morafe o kgaolo e biditsweng ka one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : LERALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Apr 2013






