Breaking News

Kompone ya RIIC e tla tswalwa

01 Apr 2013

 

Mogolwane wa kompone e e dirang ditlhamo tsa boranyane ya RIIC kwa Kanye mo kgaolong ya Borwa Rre Trueman Phuthego o sa tswa go bolela fa e tlaa tswalwa mo bogaufing.

Mo potsolosong, Rre Phuthego o boletse fa kompone ya Botswana Technology Centre (BOTEC) e tla kopana le RIIC go dira kompone e ntsha. 

O boletse fa dipaakanyo di sa ntse di tsweletse go dira kompone eo mme di tlaa dira tiro e le ngwefela e e tshwanang le ya RIIC.

Rre Phuthego o boletse fa bangwe babereki ba dikompone tseo ba tsile go latlhegelwa ke ditiro fa bangwe ba tlaa atswiwa ka sengwe. Ba solofetse gore kopano eo e ka nna ya simolola kgwedi e e tlang ya Moranang fa dikompone tsotlhe di weditse go iphutha metlhala.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 01 Apr 2013