BOFWA e rutuntsha baithuti
07 May 2015
Motlhatlhelela dithuto kwa mokgatlhong wa Botswana Family Welfare Association (BOFWA) , Rre Onkagetse Present, o kgothaditse baithuti ba sekolo se sebotlana sa Bonatla kwa Maun go nna baeteledipele ba ba nonofileng.
O buile jalo mo thuto puisanong e bana bao ba eleng di prefect, head boys and girls ba neng ba rutuntshiwa mo go yone, mme a re ba tshwanetse ba nna baeteledi pele ba ba nang le bokao mo balekaneng ba bone.
A re moeteledipele ke motho yoo itseng go bua, a le pelotelele ebile a thusa mongwe le mongwe ka go tshwana a sa tlhaole ope, mme o tsweletse a re gape a tlhaloganya le gone go bala dilo ka go farologana.
O tlhaloseditse bao ba ba tlhophilweng gore tiro ya bone ke go nna babueledi ba bana ba sekole le go thusa barutabana go laola bana le go bona gore a ba dira se se tshwanetseng, mme ba sa kgokgontshe.
Rre Present o tsweletse a re ba tshwanetse ba itshwara sentle gore bana ba bangwe ba eletse gore le bone ba ka nna mo maemong ao.
A re gape ba tlhokometse le gore a paka ya sekolo e aperwe le gone go itse gore fa ngwana mongwe a na le mathata kwa lwapeng ba ka mo lemoga jang mme ba itsese barutabana ba bone ka seemo seo.
Rre Present o ne gape a ba rotloetsa gore ba nne ba nna le bokopano jwa bone gore ba nne le sebaka sa go itsheka tsheka gore a mme tiro ya bone ba e dira ka manontlhotlho, le go bona gore tse di saletseng ba ka di dira jang.
O ba kopile gore ba nne ka nako tsotlhe ba hapaanela tiro ya bone gore ba neele ba bangwe sebaka sa go ithuta go bua ba phuthologile, le gone go ithuta go bua, le go ema fa pele ga ba bangwe ba sa tshabe sepe.
Gape o tsweletse a ba gakolola gore lefa ba neetswe maemo ao, seo ga se reye gore ba tlaa itse kana ba kgona go rarabolola dikgang tsotlhe, mme a re tse ba sa di kgoneng ba nne ba di neela barutabana kana mogokgo wa bone.
A re ba tswelele ka go simolodisa go bua ka dikgang tse dingwe jaaka HIV le AIDS le go lwantsha dikgang di tshwana tsa nnotagi le tse dingwe tse di ba amang mo sekolong sa bone.
Mogokgo wa sekole seo Mme Dorcus Setlhoko a re e le boeteledipele jwa sekole ba bonye go tshwanela go rutuntsha bana bao ka boeteledipele jo bo nonofileng ka jaana e le bone bagogi ba ka moso.
A re o dumela gore mo kgaolong eo ke bone ba ntlha go rutuntsha bana ka go nna baeteledipele ba kamoso.
O ne a ba bolelela gore motho a nne moeteledipele o tshwanetse a rutega gore a nne le bokamoso jo bo nonofileng.
Mme Setlhoko o tsweletse a re boitsholo jo bontle mo moeteledipeleng ke selo se se lebelelwang thata, a tlhalosa fa thuto puisano eo e le go ba nonotsha.
A re sekano sa bone ke gore ba apare paka ya sekole e e feletseng, go tlotla barutabana, baapei le bone bana ba sekole ka go tshwana.
O ne a tlatsa ka gore thuto puisano eo e tsile ka nako e e siameng ka jaana e ba ruta le go ba tsibosa gore ga baa tshwanela go kgokgontsha ba bangwe mo sekoleng jaaka go ba jela mepako le tse dingwe, ka a re go dira jalo go ka dira gore bana ba tshabe sekole.
Fa a tswala phuthego eo semmuso, ngwana wa lokwalo la bosupa mo sekoleng seo Wada Modise o gakolotse balekane ba gagwe go itse gore barutabana ke batsadi ba bone, a re fela jaaka batsadi ba a bo ba le kwa malapeng nako e ntsi ba mo tlhokomelong ya barutabana.
A re fela jaaka botsadi, barutabana le bone ba lebanywe ke go neelwa tlotlo e ntsi, a ba a re ba kopela mo modimong go ba neela malatsi a maleele gore ba godise le ba ba tlaatlang ka lorato le ba le ba neelang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Thuto-puisano
Date : 07 May 2015






