Boitshwaro jwa banana bo a hatlha
06 May 2015
Bogogi jwa Palla-Road mo kgaolong ya Mahalape bo supile fa bo sa itumelele go bona banana ba motse ba tsweletse ka go dirisa nno-tagi mo go feteletseng.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng mo boemong jwa bogosi jwa Palla-Road, kgosana ya tetano ya kgotla ya Ditimamodimo, Mme Enametse Sebolao, o thalositse fa tiriso botlhaswa ya nnotagi e e tsweletseng ka go golela pele mo bananeng ba Palla-Road e tsala bothoka tsebe mo dikolong le mo motseng.
O thalositse fa banana gape ba inaakantse le go goga motokwane mme seo se oketse bothoka tsebe jwa bone.
Are ditlamorago tsa tiriso bothatswa ya bojalwa le go goga motokwane di akaretsa dipolaano, dikiteo le petelelo.
Mme Sebolao are ga gona mafelo a beke a a fetang ba sepodise ba isi ba begelwe ka melato e tshwana le dikiteo le dipetelelo mo Palla-Road, o thalositse fa mo ngwageng yo go nnile le dipolaano dile thano mo motseng wa Palla Road tse di amanang le tiriso ya nno-tagi.
Go laola seemo se Mme Sebolao o thalositse gore bagogi ba motokwane ba tshwarwe ke ba sepodise bate bafe bosupi gore ba reka kae motokwane, gape o boletse gore seemo sa go dirisa bojalwa ka bofafalele se ka fokotsega fa barekisi ba bojalwa jwa setso ba ba sa obameleng dinako tsa go rekisa ba ka tseelwa dikgato tse di maleba.
One gape a supa gore matshwenyego a mangwe a a apereng motse wa gagwe ele bogodu jwa leruo ke banni ba motse ba dirisana le ba ba nnang mo merakeng e e bapileng le motse.
Fa a bua ka mananeo a puso mo motseng Mme Sebolao o thalositse fa banni ba motse wa Phala-Road ba inaakantse le mananeo a Ipelegeng, LIMID, Tirelo Sechaba ka dipalo tse di nametsang.
O boletse fa banana le bagolo ba inaakantse le mananeo a nyeletso lehuma ka dipalo tse di kwa godimo mme one a supa matshwenyego a gore banni ba ba inaakantseng le le ditshingwana tsa merogo ba sa kgone go atega ka ntha ya thaelo ya metsi fa ba ba hirisang ditante basa bone kgwebo fa go sena manyalo mo motseng.
Mo go tse dingwe Mme Sebolao one a thalosa gore Kgosi ya Mahalapye Rre Duncan Segotsi o ba solofeditse gore kgwedi ya Motsheganong ga e kake ya fela kgosi e e ntsha ya motse wa Palla Road e isi e thomiwe. Se se tla morago ga gore kgosi wa Phalla Road Kgosi Mogakolodi Mpaesele a thokafale ngwaga o o fetileng kgwedi ya Morule e simolola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : PALLA ROAD
Event : Potsolotso
Date : 06 May 2015






