Breaking News

Tirisano e a fokola

26 Apr 2015

Ba twantsho borukutlhi kwa Nshakashogwe mo kgaolong-potlana ya Tutume ba supile fa tirisano mmogo mo motseng e sa itumedise.

Mme Kegoromemang Chidabi yo e leng mogolwane wa ba tlwantso borukutlhi o tlhalositse fa bontsi jwa batho ba bipa mpa ka mabele fa go tla nako ya gore ba ba thuse mo ditlhotlhomisong tsa borukutlhi.

A re se se dira gore tiro ya bone ya go fokotsa borukutlhi mo motseuing e seka ya atlega mme a re go tlhoka tirisano mmogo go dira gore bontsi jwa dirukutlhi di seka tsa tshwarwa tsa arabela melato ya tsone.

O boletse fa bangwe ba bua dikgang tsa matshosetsi fa ba ba gakolola go kgaogana le mokgwa wa go nna le batswakwa mo malwapeng kana go ba thapa kwa merakeng ya bone ba sena dibuka tsa mesepele le diteseletso tsa go bereka mo lefatsheng leno.

A re batho ba tshwanetse go itse fa ba twantsho borokutlhi tiro ya bone e le go ba sireletsa mo dirukutlhing e seng go lwa le bone kana go ba bona molato.

Mme Chidabi o ne a ba gakolola gape gore go itseela molao mo matsogong ke molato o motho a ka felelang a ile kgolegelong. O tlhalositse fa ba leboga botlhe ba ba ba emeng nokeng mo tirong ya bone, a ba kopa go tswelela ba dirisana mmogo le bone.

Mme Chidabi o tsweletse ka go tlhalosa fa ba kgona go bereka bosigo mme se se ba ba baya mo diphatseng ka ba tsamaya fela ba sa tshola sepe sa boiphemelo.O supile fa keletso ya bone e le go rutwa sepe se se tsamaelanang le molao le go fiwa makwalo fa ba fetsa go ithaopa ka se se ka ba thusa fa ba batla sekole kana tiro e e dirang le melao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Clara Thamae

Location : TUTUME

Event : Puisano

Date : 26 Apr 2015