Breaking News

Malome konokono ya merero

26 Apr 2015

Seabe sa ga malome ga se sa tlotlomadiwa jaaka mo malobeng.

Bo malome ke batho ba ba dirang ditiro ka go farologana, di akaretsa go thusa go tsamaisa merero ya mo malwapeng le go fa ditlogolo ditaelo fa di tswa mo tseleng.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Mareledi Madome, yo o tlholegang kwa Bobonong, o ne a bua ka seabe sa gagwe jaaka malome se a reng se bokete mo dinakong tsa gompieno.

O tlhalositse gore malome ke ene thito ya lesika mme le ene a re o santse a tshegeditse seabe sa gagwe sa go tsamaisa merero ya lesika, le fa gongwe ditlogolo di sa mo tseye tsia, bogolo jang mo go tsa dikotlhao, gone mme tiro yone o a e dira. A re bana ba gompieno ga ba laolesege, mabaka eleng ditshwanelo tse mmuso o ba fang tsone.

Rre Madome a re le fa a sa ntse a tshwere seabe sa bomalome, sebe sa phiri ke gore ga se sa tlotlomadiwa jaaka pele.A rele fa a ka bitsa ditlogolo go di otlhaya, fa ba tswa foo ba tswelela ka go roba molao o a o ba neetseng.

Fa a tswa la gagwe, Rre Molebeledi Mosarwe, yo o tlholegang kwa Tonota o tlhalositse fa seabe sa ga malome se tsile go nyelela ka bonya.

A re se se bakiwa ke gore bagolwane ba bone ga ba iphe nako ya go tshegetsa mokgwa le ngwao.

Rre Mosarwe a re bana ba gompieno ga ba sisimoge le fa ba bua mangwe mafoko, ka ebile ba a rutwa kwa sekolong.

O tlhalositse gore seabe sa gagwe ke leina fela, go santse go tshegeditse barwarraagwe, a tlatsa ka gore fa dikgang di goroga o di fetisa fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 26 Apr 2015