Breaking News

Boipelego bo tokafatsa matshelo

26 Apr 2015

Kgosi Wilson Mothowetsho wa Senete mo kgaolong-potlana ya Tutume a re Batswana ba tshwanetse go tsosolosa mowa wa boipelego o ba itsegeng ka one.

O buile jalo mo potsolotsong bosheng, a re fa Batswana ba ka tsosolosa mowa wa boipelego, se se ka fokotsa dipalo tsa batho ba ba tshelelang mo lehumeng gape se ka fokotsa go ikaega thata ka puso.

Kgosi a re le ntswa puso e lebanwe ke kgwetlho ya kwelo tlase ya itsholelo, e leka ka bojotlhe gore mananeo a maikaelelo e leng go tokafatsa matshelo a Batswana one a tsweledisiwe.

A re mananeo a, a akaretsa a nyeletso lehuma, LIMID, ISPAAD le a mangwe ka go farologana mme e le maiteko a puso go rotloetsa Batswana gore ba a dirise go ipelega go fokotsa lehuma.

O boletse gore a supa fa Batswana ka bontsi ba tshelela mo lehumeng, mme bangwe ba nna boitseme fa bangwe bone ba itlhoboga fa mananeo a ba a tsereng a lebanwa ke dikgwetlho.

Go sa le foo Kgosi Mothowetsho a re maikaelelo a puso ke go bona gore batho ba fiwa ditirelo le dithuso tsa boleng jo bo kgatlhisang gape di le maleba.

A re ditirelo tsa go nna jalo di ka dira gore setshaba se nne le tshepho mo bodireding jwa maphata ka go farologana.

Kgosi a re ditirelo tsa boleng jo bo amogelesegang bo ka diragala fela fa ba-na-le seabe ka go farologana ba ka dira mmogo ba na le maikaelelo le tebelopele.

A re tshwaragano, neelano le morero ke tsone konokono e e ka tlhomamisang gore setshaba se bona ditirelo le dithuso tse di maleba.

O tlhalositse fa go tlhoka go thusa setshaba ka botho le dinako tse di solofetsweng go ka diga seriti sa maphata.

Kgosi o bile a kgala badirelapuso ba ba gogang dinao fa ba tshwanelwa ke go thusa setshaba, a tlatsa ka gore mokgwa oo ke one o o tsalang maduo a a sa itumediseng.

O bile a gakolola setshaba gore fa ba na le dingongorego ba tshwanetse go sala tsela e e maleba morago gore dingongorego tsa bone di arabiwe.

A re ba tshwanetse go itse fa ba na le tshwanelo ya go fiwa dithuso tse di siameng le go thusiwa ka nako.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Clara Thamae

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 26 Apr 2015