Batshu o lekola badiri kwa Selebi Phikwe
26 Apr 2015
E rile bosheng Tona wa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, a lekola badiri ba lephata la tsa pereko le selegae kwa Selebi Phikwe.
Rre Batshu, yo e,bileng e le mopalamente wa Nkange, a re o itumelela se lephata le se dirang ka go tlamela setshaba ka e le maikaelelo a bone gore setshaba se bone thuso ka botho le lerato.
Rre Batshu o ne a tswelela are baeteledi pele mo lephateng ba tshwanetse go kgothatsa ba ba baeteletseng gore le bone ba dire tiro ya bone ka botswa pelo le bo kgabane go sena kgatelelo ya maemo ka babereki ba puso seabe sa bone e le go fa setshaba thuso ya maemo a ntlha.
Rre Batshuo ne a gakolola gore botlhe ba ba sa ntsheng maduo mo ditirong tsa bone ba fetole mokgwa oo ka go nne seo ga se maitlamo a lephata.
Tona Batshu o ne a wetsa ka gore, o tshwenngwa thata ke dikgang tsa tshenyetso setshaba mo lephateng ka e ba ama thata. A re mo nakong e ba bereki ba le boferabobedi ba setse ba latlhegetswe ke ditiro ka go amogela pipa molomo ya go neela ditirelo go ba baseng maleba.
Baemedi ba makalana a farologaneng aa ka fa tlase ga lephata la tsa pereko le selegae ba ne ba ntsha matshwenyego a bone a a ba paledisang go ntsha maduo kanako le go fa setshaba thuso e e maleba selelo bogolo e le go sa tlhatloswa maemo le dituelo tse di kwa tlase.
Rre Donald Abueng yo eleng mogolwane wa lekalana la tsa mesepele a re, ofisi ya Selebi Phikwe e okametse ofisi tse tlharo mo kgaolong ya bobirwa mme seo se a ba ketefalela go tlamela setshaba ka seemo sa koloi ya bone se sa jese diwelang.
RreAbueng o ne a kopa gore kago e ba berekelang mo go yone e tokafadiwe gore e le babereki ba ntshe maduo aa bonalang le go diragatsa maitlamo a lephata.
Rre Mothusi Komane yo e leng mogolwane go tswa ko lekalaneng la khiro a re, ba lebanwe ke kgwetlho ya boroko le tsa dikatso tsa ba bereki go sa dirweng ka nako.
Mme a re ba itumelela gore ba diragaditse lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 ya tshaba e kutlwelo botlhoko ka ngwaga ofetileng ba ne baagela motlhoki ntlo ko motseng wa Robelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Tekolo ya badiri ke tona
Date : 26 Apr 2015






